Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:20 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

20 A kgalalelo e nne go Modimo Rraetsho ka metlha le metlha. Amen.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

20 A kgalalelo e nne ya Modimo Rraetsho go ya bosakhutleng jotlhe! Amen.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

20 Mi yana, a khalalelo e ne Morimoñ le Rra oa rona ka bosina bokhutlo yotle. Amena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

20 Jaana, a kgalalelo e nne go Modimo le Rra wa rona ka bosenabokhutlo le ka bosaengkae. Amen.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:20
19 Iomraidhean Croise  

Mme ke gone lo rute barutwa ba basha ba go tshegetsa ditaolo tsotlhe tse ke di lo neileng; mme lo tlhomamise Gore ke na le lona ka malatsi otlhe le go ya bokhutlong jwa lefatshe.”


Rapelang jaana: ‘Rraetsho yo o kwa legodimong re tlotla leina la gago le le itshephileng.


Gonne sengwe le sengwe se ntse ka nonofo ya one. A kgalalelo e nne mo go one ka bosakhutleng.


A o newe kgalalelo ka bosakhutleng mo dingwageng tse di sa khutleng ka ntlha ya leina la Morena la poloko ya phuthego ka Jesu Keresete.


Tswelelang ka go dira tshiamo ka nako tsotlhe, dilo tse di molemo tse di supang gore lo bana ba Modimo gonne se se tlaa tlisa pako e kgolo le kgalalelo mo Moreneng.


A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le mewa ya lona. Ke nna, wa lona ruri, Paulo.


A kgalalelo le tlotlo di nne go Modimo ka metlha le metlha. Ke kgosi ya dingwagangwaga, e e sa bonweng, e e sa sweng; ene ka esi ke Modimo, ebile o tletse botlhale Amen.


O re phuthetse mo Bogosing jwa gagwe a bo a re dira baperesiti ba Modimo Rraagwe. Mo neeng kgalalelo ka go sa feleng! o busa ka bosakhutleng! Amen.


Ka yone oura eo go tlaa nna le thoromo e e maswe ya lefatshe e e digang karolo ya lesome ya motse, e bolaya batho ba le dikete di supa. Mme botlhe ba ba setseng ba tlaa galaletsa Modimo wa legodimo ka poifo.


A goela kwa godimo a re, “Boifang Modimo, lo bo lo bake bogolo jwa one. Gonne lobaka lo tsile lo o tlaa nnang moatlhodi ka lone. Obamelang ene yo o dirileng legodimo le lefatshe, lewatle le metswedi yotlhe ya lona.”


Ba opelela kwa godimo ba re, “Kwana e nonofile, Kwana e e neng e tlhabilwe. E tshwanetswe ke go amogela nonofo, le mahumo le botlhale, le thata, le tlotlego, le kgalalelo, le tshegofatso.”


Ba re, “Amen! Pako, le kgalalelo, le botlhale, le malebogo, le tlotlo, le nonofo, le thata di nne go Modimo wa rona ka bosakhutleng. Amen!”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan