Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:19 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

19 Mme ke ene yo o tlaa lo abelang tsotlhe tse lo di tlhokang mo dikhumong tsa gagwe tse di mo kgalalelong, ka ntlha ya se Keresete a se re diretseng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

19 Mme Modimo wa me o tla lo abela tsotlhe tse lo di tlhokang ka fa khumong ya ona mo kgalalelong e e mo go Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

19 Mi Morimo oa me o tla tlatsa botloko yoa lona yotle, kaha mahumoñ a khalalelo a ona ka Keresete Yesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

19 Modimo wa me o tlaa lo naya sengwe le sengwe se lo se tlhokang, ka fa lohumong lwa one mo kgalalelong mo go Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:19
44 Iomraidhean Croise  

A mo tlhagisa a re, “Se nkame, gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rara. Mme tsamaya o ye go senka bana ba ga Rre o ba bolelele gore ke tlhatlogela kwa go Rara le Rraa lona, Modimo wa me le Modimo wa lona.”


Mme a raya Thomase a re, “Tsenya monwana wa gago mo diatleng tsa me. Tsenya seatla sa gago mo lotlhakoreng lwa me. O seka wa tlhola o tlhoka tumelo. Dumela!”


Mmang ke simololeng ka go re, gongwe le gongwe kwa ke yang teng ke utlwa go buiwa kaga lona! Gonne tumelo ya lona mo Modimong e simolola go itsege mo tikologong ya lefatshe. Ke leboga Modimo thata jang ka Jesu Keresete ka pego e e molemo, le ka mongwe le mongwe wa lona.


Ana re na le Modimo O O molemo jang? Botlhale jwa one le kitso le dikhumo tsa one di dikgolo jang! Ga go kgonege jang mo go rona go tlhaloganya maikaelelo a One le ditsela tsa One.


A ga o lemoge ka fa Modimo o leng pelotelele mo go wena ka teng? Kgotsa a ga o tshwenyege ka gope? A ga o bone gore o ntse o sa go otlhae mo lobakeng lo lotlhe, e le go go naya sebaka sa go sokologa mo sebeng? Bopelonomi jwa one bo diretswe go go gogela kwa boikwatlhaong.


Le fa go ntse jalo dipogiso tsa rona tsa malatsi ano ga se sepe fa di tshwantshiwa le kgalalelo e o tlaa e re nayang mo nakong e e tlang.


Gape o na le tshwanelo ya go tshola bangwe fela jaaka rona, ba re diretsweng go tshola dikhumo tsa one tsa kgalalelo, le fa re ka ne re le Bajuta kgotsa Badichaba, le go re siamela gore mongwe le mongwe a kgone go bona ka fa kgalalelo ya one e leng kgolo thata ka teng.


Ee, ke boifa gore fa ke tla Modimo o tlaa nkokobetsa fa pele ga lona mme ke tlaa utlwa botlhoko ke bo ke hutsafala ka gore ba le bantsi ba lona ba ba leofileng ke baleofi ebile ga ba na sepe le dilo tse di bosula tse di sa itshekeng tse lo di dirileng; dikeletso tsa lona tse di bosula, boaka, le go tseela ba bangwe basadi.


Matshwenyego a le dipogiso tsa rona, a mannye ebile ga a tseye lobaka lo lo leele. Le fa go ntse jalo lobaka lo lo khutshwane lo lwa bohutsana lo tlaa felela mo tshegofatsong e kgolo ya Modimo mo go rona ka metlha le metlha!


Ke rapelela gore dipelo tsa lona di tlale lesedi gore lo tle lo bone sengwe sa malatsi a a saleng kwa pele se a se lo bileditseng go nna le seabe mo go sone. Ke batla gore lo lemoge gore Modimo o humile gonne rona ba re leng ba ga Keresete re ba one.


Jalo he, bopelonomi jwa One bo a penologa mo go rona gonne o ne wa tlosa dibe tsotlhe tsa rona ka madi a Morwaa One, yo re bolokwang ka ene;


Mme jaanong Modimo ka malatsi otlhe o ka re supegetsa e le dikai tsa ka fa bopelonomi jwa one jo bontle bo ntseng ka teng; jaaka go supiwa mo go tsotlhe tse o re di diretseng ka Jesu Keresete.


gore mo dikhumong tsa one tse di galalelang tse di senang selekanyo, o tlaa lo naya nonofo e kgolo e e ka fa teng ka Mowa wa One O O Boitshepo.


A lo ko lo akanyeng! Le fa ke sa dira sepe se se dirang gore ke le tshwanele, gape le fa nna ke le Mokeresete yo e seng wa sepe bogolo go botlhe, le fa go ntse jalo ke nna yo ke neng ka tlhophelwa tiro e, e e itumedisang, e e faphegileng ya go bolelela Badichaba Mafoko a Boitumelo a mahumo a a sa feleng a ba ka a bonang ka Keresete;


Fa lo dira jalo, lo tlaa itemogela kagiso ya Modimo, e e hakgamatsang thata go feta e mogopolo wa motho o ka e tlhaloganyang. Kagiso ya gagwe e tlaa ritibatsa e bo e lapolosa dipelo tsa lona fa lo ikanya Jesu Keresete.


Gakologelwang se Keresete a se rutileng, lo bo lo letle mafoko a gagwe go nonotsha matshelo a lona a bo a lo tlhalefise; rutanang ka ga one lo bo lo opele mo Dipesalemeng le mo difeleng le mo dipineng tsa semowa, lo opelela Morena ka dipelo tse di lebogang.


gore matshelo a lona a malatsi otlhe a seka a tlhabisa Modimo ditlhong, mme a lere boitumelo mo go One o o lo laleditseng mo bogosing jwa One go nna le seabe mo kgalalelong ya One.


Bolelela ba ba humileng gore ba se ka ba ikgantsha le go ikanya madi a bone, a a tlogang a nyelela ka bonako, mme boikgantsho jwa bone le boikanyo bo tshwanetse go nna mo Modimong o o tshelang o o re nayang tsotlhe tse re di tlhokang ka metlha yotlhe go di itumelela.


Ke leboga Modimo ka malatsi otlhe fa ke lo rapelela, Filimone yo o rategang,


Mme jaanong, ke laya lona bagolwane ba phuthego. Le nna, ke mogolwane; ka matlho a me ke bonye Keresete a a swa mo mokgorong; le nna, ke tlaa tlhakanela kgalalelo le Tlotlo ya gagwe fa a bowa. Bagolwane ka nna, se ke kopo ya me mo go lona:


Fa lo sena go boga ka lobakanyana, Modimo wa rona yo o tletseng bopelo-tlhomogi ka Keresete, o tlaa lo naya kgalalelo ya One e e sa khutleng. One ka boone o tlaa lo tsholetsa, mme o lo tlise, o lo thatafatse go gaisa ka metlha.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan