Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:18 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

18 Ka lobaka lo ke na le tsotlhe tse ke di tlhokang, go feta tse ke di tlhokang! Ke na le mo go ntekanyeng ka dimpho tse lo di nthomeletseng ka Epaferodito fa a tla. Ke setlhabelo se se lonko lo monate se se itumedisang Modimo thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

18 Ke amogetse tsotlhe, ke na le letlotlo, di ntlaletse, ke amogetse tse di tswang koo go lona mo go Epafrodito, tse e leng lonko lo lo nkgang monate le tshupelo e e natefelang e e kgatlhang Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

18 Mi lilo cotle ki li cutse; mi ki na le bogolu, mi ki tlaricoe, ka ki bonye lilo mo go Epaferodito, tse lo li romileñ, tse ri cuanañ yaka moñkho o o nkhañ monate, cupelo e e natehañ e e khatlañ Morimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

18 Ke na le dilo tsotlhe, ke bile ke atlanegetswe, ke kgotshe, ka ke amogetse mo go Epaferodito dilo tse di tswang koo go lona, e le lonko lo lo nkgang monate, e le setlhabelo se se lebosegang, se se kgatlhang Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:18
15 Iomraidhean Croise  

Korenelio a re, “O batlang Morena!” Moengele a fetola a re, “Dithapelo tsa gago le dimpho tsa gago Modimo o di bonye.


Ke gone, bagaetsho, ke a lo rapela gore lo neele Modimo mebele ya lona. A mebele ya lona e nne setlhabelo se se tshelang, e le boitshepo, e le mofuta o Modimo o ka o amogelang. Fa lo akanya kaga se o se lo diretseng, a lo fitlhela e le gore se o se lopang se segolo thata.


Mo boemong jwa moo ke “thopile” diphuthego tse dingwe ka go tsaya se ba neng ba se nthomeletse mme ka se dirisa fa ke santse ke na le lona, gore ke tle ke lo direle kwa ntle ga tuelo epe. Mme fa moo go setse go fetile mme ke tshwerwe ke tlala, ke ne ke ntse ke sa lo kope sepe, gonne Bakeresete ba ba neng ba tswa kwa Masedonia ba ntletse mpho e nngwe. Ga ke ise nke ke lo kope le fa e le ledi ebile ga ke kitla ke dira jalo.


Jalo dilo tse pedi tse di molemo di diragala ka ntlha ya dimpho tsa lona, ba ba tlhokang ba a thusiwa, mme ba leboga Modimo mo go golo.


Ratanang thata, lo etse Keresete yo o lo ratileng a bo a ineela Modimo go nna setlhabelo se se tlosang dibe tsa lona. Mme Modimo o ne wa itumela, gonne lorato lo Keresete o lo ratileng ka lone, lo ne lo tshwana le setlolo se se nkgang monate mo go one.


Ke itse ka fa ke ka tshelang ka teng ke na le sengwe le ke sena sepe. Ke ithutile sephiri sa go kgotsofadiwa mo seemong sengwe le sengwe, le fa e le go kgora kgotsa go tshwarwa ke tlala go huma kgotsa go humanega;


Bakaulengwe ba ba rategang, go leboga Modimo kaga lona ke selo fela se se siameng go dirwa, mme ke tiro ya rona mo Modimong, ka ntlha ya tsela ya boammaaruri e ntle ya ka fa tumelo ya lona e godileng ka teng, le ka ntlha ya go gola ga go ratana ga lona.


Lo se ka lwa lebala go dira tshiamo le go abalana se lo nang naso le ba ba tlhokang, gonne ditlhabelo tse di ntseng jaana di itumedisa Modimo thata.


Mme jaanong lo fetogile maje a kago aa tshelang go dirisiwa ke Modimo mo go ageng ntlo ya One. Se sengwe se segolo, lo baperesiti ba One ba ba boitshepo; jalo tlang kwa go One. (Lona ba lo amogelesegang mo go One ka ntlha ya ga Jesu Keresete), mme lo abele Modimo dilo tse di O itumedisang.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan