Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:15 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

15 Jaaka lo itse sentle, erile la ntlha fa ke lo tlisetsa Efangele, ke le mo tseleng ke tswa Masedonia, ke lona fela Bafilipi ba lo neng lwa nna bapati ba me mo go abeng le mo go amogeleng. Ga go na phuthego epe e e dirileng jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

15 Kana le lona Bafilipi lo itse gore mo tshimologong ya Efangele, e rile ke sena go tloga kwa Maketonia, ga se ka ga nna phuthego epe e e neng ya tlhakanela lenaneo la me la madi le nna ntlheng ya go ntsha le go amogela fa e se lona lo le losi fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

15 Le lona Bafilipi, itseñ, ha erile mo tsimologoñ ea evangelio, ka ki huruga mo Makedonia, ga go ekelesia epe e e ’nkabetseñ kaga go nela le go cula, ha e si lona losi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

15 Le lona ka losi lo a itse, lona Bafilipi, fa e rile mo tshimologong ya Mafoko a a Molemo, jale ka ke tloga mo Maketonia, go se ka ga dira le epe phuthego e e ikopantseng le nna mo tirong ya go aba le go amogela, fa e se lona fela;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:15
12 Iomraidhean Croise  

Mme Paulo le Silase ba boela kwa tlung ya ga Lidia kwa ba neng ba kopana le badumedi mme ba ba rerela gape pele ga ba tswa mo motseng.


Gonne lo bona gore Bakeresete ba Masedonia le Akaia ba ntsheditse Bakeresete ba Jerusalema ba ba mo mathateng mpho.


Mme ke rata gore lo itse se, bakaulengwe ba ba rategang: sengwe le sengwe se se ntiragaletseng kwano e ne e le botswelelo pele jo bogolo mo go boleleng Mafoko a a Molemo kaga Keresete.


ba rera ka ntlha ya gore ba a nthata, gonne ba itse gore Modimo o ntlisitse kwano go ntirisa go femela boammaaruri mme bangwe ba rerela go ntira gore ke fufege, ba gopola gore go fenya ga bone go tlaa ntsifatsa bohutsana jwa me mo kgolegelong!


Ka ntlha ya thuso ya lona e ntle mo go itsiseng Mafoko a a Molemo kaga Keresete go tloga nako e lo neng lo a utlwa ka yone go fitlha gompieno.


Go ntshiametse jang go ikutlwa jaaka ke ikutlwa kaga lona, gonne lo na le bonno jo bo faphegileng mo pelong ya me. Re abelanye masego a Modimo rotlhe, fa ke le mo kgolegelong le fa ke dule, ke femela boammaaruri ebile ke bolelela ba bangwe kaga Keresete.


Ditsala tse di rategang, erile fa ke na le lona koo, le ne lo tlhokomela ka nako tsotlhe go latela ditaolo tsa me. Mme jaanong ka ke seyo lo tshwanetse go tlhokomela thata go dira dilo tse di siameng tse di felelelang mo polokong, lo ikobela Modimo ka tshisimogo e kgolo, lo ikgape mo go tsotlhe tse di ka tlhokang go o itumedisa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan