Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:14 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

14 Mme le fa go ntse jalo, lo dirile sentle ka go nthusa mo mathateng a me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

14 Le fa go ntse jalo lo dirile sentle, ka lo tlhakanetse tlalelo le nna.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

14 Leha gontse yalo, lo rihile sentle, ka lo loa abelanoa le pogisho tsa me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

14 Le fa go ntse jalo lo dirile sentle, ka lo ikopantse le nna mo pitlaganong ya me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:14
14 Iomraidhean Croise  

Monngagwe a mo akgolela tiro e ntle eo. A mo raya a re o ikanyegile mo go bolokeng bonnyennyane jo, jalo he ke tlaa go naya thata mo dilong di le dintsi. Tla o tlhakanele le nna boitumelo jwa me.”


Ba ne ba itumela thata go dira jaana, gonne ba ne ba ikutlwa gore ba kolota Bakeresete ba Jerusalema. Ka go reng? Gonne dikgang kaga Keresete di tsile kwa go bone di tswa kwa phuthegong e e mo Jerusalema. Mme ka ba amogetse neo e ntle e ya semowa ya Mafoko a a Molemo mo go bone, ba bona gore bonnyennyane jo le bone ba ka bo ba direlang ke go ba fa thuso ya tse di tlhokwang ke nama.


Ba ba ru-twang lefoko la Modimo ba tshwanetse go thusa barutintshi ba bone ka go ba duela.


Go ntshiametse jang go ikutlwa jaaka ke ikutlwa kaga lona, gonne lo na le bonno jo bo faphegileng mo pelong ya me. Re abelanye masego a Modimo rotlhe, fa ke le mo kgolegelong le fa ke dule, ke femela boammaaruri ebile ke bolelela ba bangwe kaga Keresete.


Ka lobaka lo ke na le tsotlhe tse ke di tlhokang, go feta tse ke di tlhokang! Ke na le mo go ntekanyeng ka dimpho tse lo di nthomeletseng ka Epaferodito fa a tla. Ke setlhabelo se se lonko lo monate se se itumedisang Modimo thata.


Ba bolelele gore ba dirise madi a bone go dira tshiamo. Ba tshwanetse go huma mo ditirong tse di molemo mme ba naya ka boitumelo ba ba tlhokang, ba aga ba ipaakanyeditse go abalana le ba bangwe sengwe le sengwe se Modimo o se ba neileng.


Ka dinako tse dingwe lo ne lo tshegwa lo bo lo itewe, mme ka dinako tse dingwe lo ne lo tle lo lebelele lo bo lo utlwele ba bangwe botlhoko ba boga jaaka lona.


Mme lo bogile le ba ba tlhatlhetsweng mo dikgolegelong, ebile lo ne lwa itumela fa lo tseelwa tsotlhe tsa lona, lo itse gore dilo tse di botoka di lo letile kwa legodimong, dilo tse di tlaa nnelang tsa lona ruri.


Lo se ka lwa lebala go dira tshiamo le go abalana se lo nang naso le ba ba tlhokang, gonne ditlhabelo tse di ntseng jaana di itumedisa Modimo thata.


Ke nna, mokaulengwe wa lona Johane, yo ke tlhakanetseng pitlagano le lona, yo ke lo kwalelang lokwalo lo. Le nna ke abalana le lona bopelotelele jo Jesu o re bo nayang, ebile re tlaa tlhakanela Bogosi jwa gagwe! Ke ne ke le mo setlhaketlhakeng sa Patemosa, ke kobetswe teng ka ntlha ya go rera Lefoko la Modimo, le go bolela se ke se itseng kaga Jesu Keresete.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan