Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:13 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 gonne ke ka dira sengwe le sengwe se Modimo o batlang ke se dira ka thuso ya ga Keresete yo o nnayang thata le nonofo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

13 Tsotlhe ke di kgona ka ene yo o nthatafatsang, e bong Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 ’Nka riha lilo cotle ka Keresete eo o ’nthatahatsañ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Nka dira dilo tsotlhe ka ene yo o nnonotshang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:13
12 Iomraidhean Croise  

Mme Morena a re, “Go siame, tla kwano.” Hong Petoro a fologa mokoro a tsamaya fa godimo ga metsi a ya kwa go Jesu.


Mme fa lo nna mo go nna lo reetsa ditaolo tsa me, lo ka kopa kopo nngwe fela e lo e ratang, mme lo tlaa e newa!


gore mo dikhumong tsa one tse di galalelang tse di senang selekanyo, o tlaa lo naya nonofo e kgolo e e ka fa teng ka Mowa wa One O O Boitshepo.


Lwa bofelo, ke batla go lo gakolola gore nonofo ya lona e tshwanetse go tswa mo nonofong e kgolo ya Morena e e mo go lona.


Re rapelela gape gore lo tladiwe ka nonofo ya one e kgolo e e galalelang gore lo tle lo kgone go tswelela pele le go le mathata, lo tletse boitumelo jwa Morena ka metlha yotlhe,


Ke leboga Morena wa rona Keresete jang ka go ntlhopha mongwe wa barongwa ba gagwe, le go nnaya thata ya go nna boikanyo mo go ene,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan