Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:12 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

12 Ke itse ka fa ke ka tshelang ka teng ke na le sengwe le ke sena sepe. Ke ithutile sephiri sa go kgotsofadiwa mo seemong sengwe le sengwe, le fa e le go kgora kgotsa go tshwarwa ke tlala go huma kgotsa go humanega;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

12 Lehuma ke a le itse, le letlotlo ke a le itse; ke itse dilo tsotlhe, le fa e le go kgora gongwe go bolawa ke tlala, le fa e le go atlanegelwa gongwe go tlhoka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Mi kia itse rure go nolaharioa, mi kia itse go na le botlalo; ki rutiloe mo ntleñ cotle le mo liloñ cotle, go khora, le go utlua tlala, go na le botlalo, le go boga botloko.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Go kokobediwa ke a go itse, le go huma ke a go itse; mo go sengwe le sengwe, le mo dilong tsotlhe ke ithutile bokwateng jwa go kgora le go bolawa ke tlala, go atlanegelwa le go tlhoka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:12
15 Iomraidhean Croise  

Sikarang jokwe ya me, gonne e lo lekana sentle mmang ke lo rute; gonne ke bonolo le boingotlo, jalo lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo, gonne ke lo naya merwalo e e motlhofo fela.”


Mme o ne a tswelela a re, “Baitseanape ba molao wa Sejuta ba jaanong e leng barutwa ba me ba humile ntlheng tsotlhe-ebong mo kitsong ya Testamente E Kgologolo le mo go ya e Ntsha.”


Ke a lo kopa Ee, Nna Paulo, ke kopa ka boikokobetso, fela jaaka Keresete a ne a tlaa dira. Le fa bangwe ba lona ba re, “Dikwalo tsa ga Paulo di supa bopelokgale thata fa a le kgakala, mme fa a tsena fano o boifa go tsholetsa lentswe la gagwe!”


Bangwe ba re, “Se tshwenyegeng ka dikwalo tsa gagwe. O utlwala a le selo sengwe, mme gotlhe ke modumo fela. Fa a tsena fa lo tlaa bona gore ga go na sepe se segolo ka ga gagwe, ebile ga lo ise lo ke lo utlwe moreri yo o bokoa jaaka ene”.


Ke tshedile ka letsapa, le ditlhabi le masigo ke sa robale. Ke bolailwe ke tlala gantsi le lenyora ka bo ka felelwa ke dijo; ke roromisitswe ke serame gantsi, ke sena diaparo tse di lekanyeng go nthuthafatsa.


A ke kile ka dira phoso ka ingotla go dira gore lo ntebele kwa tlase ka ntlha ya gore ke lo reretse Mafoko a Modimo a a Molemo kwa ntle ga go lo kopa sepe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan