Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:11 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

11 E seng ka ntlha ya gore ke kile ka tlhoka, gonne ke itlwaeditse go itumela fa ke na le go le gontsi le go le gonnye.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

11 Ga ke bue jalo ka ntlha ya go tlhoka; gonne ke ithutile go itumelela tse ke leng mo go tsona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi ga ki bue se kaga botloko; gone ki ithutile go itumelana le popego e ’nka nañ mo go eona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Ga se go re ke bua ka ga go tlhoka; gonne ke ithutile gore, le fa ke ka nna mo popegong e e ntseng jang, ke be ke itumele fela mo go yone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:11
13 Iomraidhean Croise  

Mme masole mangwe a botsa a re, “A le rona? Jaanong ka ga rona?” Johane a fetola a re, “Lo seka lwa gapa madi ka patiko le thubakanyo; lo se pateletse ope ka ga se lo itseng a sa se dire; mme itumeleleng tuelo ya lona!”


Ke tshedile ka letsapa, le ditlhabi le masigo ke sa robale. Ke bolailwe ke tlala gantsi le lenyora ka bo ka felelwa ke dijo; ke roromisitswe ke serame gantsi, ke sena diaparo tse di lekanyeng go nthuthafatsa.


Dipelo tsa rona di botlhoko, mme le fa gontse jalo re na le boitumelo jwa Morena. Re humanegile, mme re abela ba bangwe dimpho tse di kgolo tse di humileng tsa semowa. Ga re a itsholela sepe, mme le fa go ntse jalo re itumelela sengwe le sengwe.


Lo itse ka fa Morena wa rona Jesu Keresete o neng a le lorato le bonolo ka teng: Le fa a ne a humile thata, ka ntlha ya go lo thusa o ne a humanega thata, gore ka go humanega ga gagwe a lo humise.


Modimo o nonofile go lo direla ka go lo naya sengwe le sengwe se lo se tlhokang le go feta moo, gore go se ka ga lekana le tse lo di tlhokang fela, gore go tle go sale go le gontsi mo go tlaa abelwang ba bangwe ka boitumelo.


Ee, sengwe le sengwe ga se na mosola fa se tshwantshanngwa le poelo e e senang theko ya go itse Morena wa me Jesu Keresete. Ke beetse tsotlhe fa thoko, ke di bona e se sepe, gore ke tle ke nne le Keresete,


Mme lo bogile le ba ba tlhatlhetsweng mo dikgolegelong, ebile lo ne lwa itumela fa lo tseelwa tsotlhe tsa lona, lo itse gore dilo tse di botoka di lo letile kwa legodimong, dilo tse di tlaa nnelang tsa lona ruri.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan