Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:10 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

10 Ke itumela thata jang ebile ke galaletsa Morena jang ka go bo lo nthusa gape. Ke a itse gore ga lo bolo go tlhwaafalela go romela se lo ka se kgonang, mme ka lobakanyana lo ne lo se na ka fa lo ka dirang ka teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

10 Ke itumetse thata mo Moreneng, ka jaanong lo tiile gape go ka gopola go ntlamela; le gale lo ne lo ntse lo nkgopola, mme lo sa bone phatlha.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Mi ki le ka itumela segolu mo Moreneñ, ka yana lo bile lo rurisicoe ga ’nkhopola ga bohelo mo lo loa go gopola, mi lo le lo sina lobaka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Ke itumela thata mo Moreneng, ka jaana lo bile lo tsosolositse mogopolo wa lona ka ga me; le gale lo kile lwa nna lwa nkgopola, mme lwa tlhoka lobaka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:10
11 Iomraidhean Croise  

Re ntse re le boammaaruri ka nonofo ya Modimo e re thusa mo go tsotlhe tse re di dirang. Ditlhabano tsotlhe tsa motho yo o boifang Modimo, ditlhabano tsa phemelo, le ditlhabano tsa go tlhasela, e ntse e le tsa rona.


Ke sone se e leng gore fa go kgonega re tshwanetse go nna pelonomi mo go mongwe le mongwe malatsi otlhe, segolo jang bakaulengwe ba rona ba Bakeresete:


Ba ba ru-twang lefoko la Modimo ba tshwanetse go thusa barutintshi ba bone ka go ba duela.


Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo le Timotheo batlhanka ba ga Jesu Keresete. Ba kwalela: Badisa ba diputhego le batiakone le Bakeresete botlhe mo Filipi.


Go lo rapelela ga me gotlhe go tletse go baka Modimo!


gonne o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo diphatseng ka ntlha ya tiro ya ga Keresete mme o batlile go swa fa a santse a leka go ntirela dilo tse lo sa kakeng lwa di dira ka go bo lo ne lo le kgakala le nna.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan