Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:1 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Bakaulengwe ba me ba ba rategang, ke a lorata ebile ke tlhwaafaletse go lo bona, gonne lo boitumelo jwa me le tuelo ya ditiro tsa me. Ditsala tse di rategang, nnang boammaruri mo Moreneng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 Ka moo he, emang jalo mo Moreneng ka tlhomamo, lona bakaulengwe ba ka ba ba rategang, ba ke lo tlhologeletsweng, ba lo leng boitumelo jwa ka le serwalo sa ka, lona baratwi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 KI gona, bakauleñue ba me, ba ba rategañ, ba ba tlologeleloañ segolu, lo boitumelo yoa me, le seroalo sa bogosi sa me, baratoi, emañ yalo ka tlomamo mo Moreneñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Ke gone bagaetsho ba ba rategang, le ba ba tlhologeletsweng boitumelo jwa me, le serwalo sa me, ka re, baratwa ba me, emang ka tlhomamo jalo mo Moreneng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:1
35 Iomraidhean Croise  

Mongwe le mongwe o tlaa lo ila ka ntlha ya gore lo ba me. Mme lotlhe ba lo itshokang go ya bokhutlong lo tlaa bolokwa.


Erile fa a goroga ebile a bona dikgakgamatso tse Modimo o neng o di dira, a tlala kgakgamalo le boitumelo, mme a kgothatsa badumedi gore le fa go ka nna jang, ba nne mo Moreneng.


kwa ba neng ba thusa badumedi go tia mo loratong lwa Modimo le gore ba ratane. Ba ne ba ba kgothatsa go tsena mo Bogosing jwa Modimo ka dipogisego tse dintsi.


Mme ba kopanela ditirelo tsa malatsi otlhe le badumedi ba bangwe, mo dithutong le mo selalelong sa Morena le mo dikopanong tsa merapelo.


O tlaa naya botshelo jo bo sa khutleng ba ba dirang go rata ga Modimo ka bopelotelele, ba batla kgalalelo e e sa bonweng ka matlho le tlotlo le botshelo jo bo sa khutleng jo o bo abang.


Jalo bakaulengwe ba me, e re ka phenyo e e tlang e tlhomamisega, nonofang lo nitame, lo tshwaragane mo tirong ya Morena ka nako tsotlhe, gonne lo itse gore ga go sepe se lo se direlang Morena se se senyegang jaaka go ne go ka nna fa go ne go sena tsogo ya baswi.


Nnang lo itlhokometse mo matshwenyegong a semowa; emang ka boammaaruri mo Moreneng; dirang jaaka banna; lo nonofe;


Jalo he, Keresete o re golotse. Jaanong tlhomamisang gore lo nne lo golotswe mme lo seka lwa golegelwa lotlhe gape mo dikeetaneng tsa botlhanka tsa melao le mediro ya Sejuta.


Mme le fa e le eng se se ka ntiragalelang, gakologelwang ka nako tsotlhe go tshela jaaka Bakeresete ba tshwanetse go tshela, gore, fa ke ka lo bona gape kgotsa ke se kake ka lo bona, ke tlaa nna ke utlwa dipego tse di siameng gore lo eme ka maikaelelo a le mangwe fela a a nonofileng, go bolela Mafoko a a Molemo,


Ke Modimo fela o o itseng boteng jwa lorato lwa me le go lo tlhwaafalela, ka lorato lwa ga Jesu Keresete.


lo ba tsholetse Lefoko la Botshelo. Mme fa Keresete a boa, ke tlaa itumela jang gore tiro ya me mo go lona e ne e atlegile thata.


Jaanong ke mmusetsa gae gape, gonne o ntse a lo tlhwaafaletse lotlhe ebile a hutsahetse thata ka ntlha ya gore lo utlwile fa a lwala.


Epaferase, yo o tswang mo motseng wa lona, motlhanka wa ga Keresete Jesu, o a lo dumedisa. O lo rapelela ka tlhwaafalo malatsi otlhe, a kopa Modimo go lo nonotsha le go lo dira boitekanelo le go lo thusa go itse go rata ga One mo go sengwe le sengwe se lo se dirang.


Mo go tlaa dira gore dipelo tsa lona di nonotshiwe, di tlhoke boleo di bo di itshepisiwe ke Modimo Rraa rona, gore lo tle lo eme fa pele ga one mo letsatsing leo lo sena molato fa Morena wa rona Jesu Keresete a bowa le botlhe bao ba e leng ba gagwe.


Ka dilo tse tsotlhe di le mo mogopolong, bakaulengwe ba ba rategang, emang lo nitame lo bo lo ngaparele thata boammaaruri jo re lo bo rutileng mo dikwalong tsa rona le ka nako e re neng re na le lona ka yone.


Oo, Timotheo, morwaaka, tia mo nonofong e Keresete Jesu o go e neileng.


Mme re ka solofela poloko e Modimo o e re solofeditseng. Ga go tlhole go na le sebaka sa pelaelo, ebile re ka bolelela ba bangwe gore poloko ke ya rona, gonne ga gona pelaelo gore o tlaa dira se o se buang.


Gonne fa re ikanyega go ya bokhutlong, re ikanya Modimo fela jaaka re ne ra dira fa re simolola go nna Bakeresete, re tlaa nna le seabe mo go tsotlhe tse e leng tsa ga Keresete.


Mme Jesu Morwa Modimo Ke Moperesiti wa rona yo Mogolo thata ene yo o ileng kwa legodimong go re thusa; jalo a re se khutliseng go mo ikanya.


Ke lo tlhagisa pele ga nako, bakaulengwe ba ba rategang, gore lo tle lo itlhokomele lo se ka lwa tsewa ke diphoso tsa batho ba ba bosula ba, e se re kgotsa lwa etsaetsega lwa tlhakana nabo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan