Bafilipi 3:9 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha
9 ke nne mongwe fela nae, ke sa tlhole ke bona gore ke tshwanetse go bolokwa ka go siama thata kgotsa go obamela melao ya Modimo, fa e se fela ka go ikanya Keresete go mpoloka; gonne tsela ya Modimo ya go re dira gore re nne tshiamo nao e eme mo tumelong, re beile mo go Keresete a le nosi.
9 ke be ke fitlhelwe mo go ene, ke se na tshiamo ya me e e tswang mo molaong, mme e le e e bonwang ka go dumela mo go Keresete, e bong tshiamo e e tswang mo Modimong ka tumelo
9 Le go bonoa mo go ena, esiñ go na le tsiamo ea me, e e leñ ea molao, mi e e leñ ka ntla ea tumelo ea ga Keresete, eboñ tsiamo e e leñ ea Morimo, ka ntla ea tumelo;
9 Le gore ke fitlhelwe ke le mo go ene, ke se na tshiamo e e leng ya me, e bong yone e e leng ya molao, fa e se yone e e ntseng ka tumelo mo go Keresete, e bong tshiamo e e tswang mo Modimong ka tumelo;
Mme a oketsa a re, “Tsamayang lo ithute tlhaloso ya temana ya Lokwalo, ‘Ga se ditlhabelo tsa lona le dimpho tsa lona tse ke tshwenyegang ka tsone, ke batla gore lo nne le kutlwelobotlhoko’. Tiro ya me fano mo lefatshing ke go busetsa badiradibe mo Modimong e seng go tshwenyega ka batho ba ba siameng.”
Mafoko a a Molemo a, a re bolelela gore Modimo o re baakanyetsa gore re ye legodimong, a re siamisa mo ponong ya Modimo fa re baya tumelo ya rona le boikanyo mo go Keresete go re boloka. Mo go bonwa ka tumelo go tswa tshimologong go ya bokhutlong. Jaaka lokwalo lo bua lo re, “Motho yo o bonang botshelo o tlaa bo bona ka go ikanya Modimo.”
Gonne ke ka go dumela mo pelong ya gagwe gore motho o siama mo Modimong; mme ka molomo wa gagwe o bolelela ba bangwe kaga tumelo ya gagwe, a tlhomamisa kaga poloko ya gagwe.
Ntumedisetsang Andoronikase le Juniase, ba losika lwa me ba ke neng ke le mo kgolegelong nabo. Ba tlotlwa ke baaposetoloi, ebile ba ne ba fetoga Bakeresete pele ga me. Tswee-tswee ba ntumedisetseng.
Pele, sebe se ne se busa batho botlhe mme sa ba lere mo losong, mme jaanong kutlwelo-botlhoko ya Mo-dimo e busa mo boemong jwa sebe, e re naya tshwanelo ya go ema fa pele ga Modimo re le ba ba itekanetseng gore re nne le botshelo jo bo sa khu-tleng ka Jesu Keresete Morena wa rona.
Ga re bolokwe mo botshwarong jwa sebe ke go itse melao ya Modimo, gonne ga re ka ke le gone re bile ga re e tshegetse, mme Modimo o ne wa dirisa leano lengwe go re boloka. O romile Morwaa one mo setshwanong sa rona, pharologanyo fela ke gore mebele ya rona e na le boleo, mme Morwaa one ene o bolaile taolo ya sebe mo go rona ka go intsha setlhabelo sa dibe tsa rona.
Gonne go tswa fela kwa Modimong gore lo nne le botshelo ka Jesu Keresete. O re bontshitse leano la Modimo la poloka; ke ene yo o dirileng gore re amogelesege mo Modimong; o re itshekisitse a bo a re itshepisa a bo a intsha thekololo ya poloko ya rona.
mme rona Bakeresete ba Bajuta re santse re itse sentle gore ga re kake ra nna tshiamo mo Modimong ka go tshegetsa melao ya rona ya Sejuta, fa e se ka tumelo mo go Jesu Keresete go tlosa maleo a rona. Mme jalo he le rona, re ikantse Jesu Keresete, gore re tle re amogelwe ke Modimo ka ntlha ya tumelo, eseng ka ntlha ya gore re obametse melao ya Sejuta. Gonne ga go ope yo o tlaa bolokwang ka ntlha ya go e obamela.”
Ke ene yo o re bolokileng le yo o re tlhophetseng tiro ya gagwe e e boitshepo, e seng ka ntlha ya gore e re tshwanetse mme e le ka ntlha ya gore e ne e le leano la One la bogologolo pele ga lefatshe le simologa, go supa lorato lwa One mo go rona le bopelotlhomogi ka Jesu Keresete.
mme o ne a re boloka, e seng ka ntlha ya gore re ne re siametse go bolokwa, mme e leng ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe le kutlwelo-botlhoko, ka go tlhatswa dibe tsa rona le go re naya boitumelo jo bosha jwa Mowa O O Boitshepo o o nnang mo go rona,
O re neetse tsholofetso ya One le maikano, e le dilo tse pedi tse re ka di dumelang gotlhelele, gonne ga go kgonege gore Modimo o bue maaka. Jaanong botlhe ba ba tshabelang kwa go One go ba boloka ba ka kgothatsega sesha fa ba utlwa kaga ditsholofetso tse, tse di tswang kwa Modimong; ebile jaanong ba ka itse, kwa ntle ga go belaela, gore Modimo o tlaa ba neela poloko e o e ba solofeditseng.
Lokwalo lo lo tswang kwa go: Simone Petere, motlhanka le morongwa wa ga Jesu Keresete. Lo ya kwa go: botlhe ba ba nang le tumelo e e tshwanang le ya rona. Tumelo e ke buang ka yone ke ya mofuta o Jesu Keresete Modimo le Mmoloki wa rona o e re nayang. E ntle jang e bile o tshiamo jang go naya mongwe le mongwe wa rona tumelo e, e e tshwanang.