Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:8 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Ee, sengwe le sengwe ga se na mosola fa se tshwantshanngwa le poelo e e senang theko ya go itse Morena wa me Jesu Keresete. Ke beetse tsotlhe fa thoko, ke di bona e se sepe, gore ke tle ke nne le Keresete,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 Ruri ke kaya dilo tsotlhe tshenyegelo ka ntlha ya kitso e kgolo ya go itse Keresete Jesu Morena wa me yo ke latlhileng dilo tsotlhe tseo ka ntlha ya gagwe; ke bile ke di kaya matlakala gore ke hume Keresete,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 E, amarure, ki kaea lilo cotle tatlego ka ntla ea bonatla yoa kico ea ga Keresete Yesu Morena oa me, eo ki latlegecoeñ ki lilo cotle tse, ka ntla ea gague, mi li ki kaea yaka mabebe, gore ki thope Keresete,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Ee, ruri, ke kaya dilo tsotlhe di ntatlhegetse ka ntlha ya molemo o mogolo wa go itse Keresete Jesu Morena wa me; yo ke latlhegetsweng ke dilo tsotlhe ka ntlha ya gagwe, mme ke di kaya malele fela, gore ke tle ke bone Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:8
53 Iomraidhean Croise  

Ana ke tlotlo e kgolo thata jang, e Mma-Morena wa me o nketetseng ka yone!


Mme fa ke kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka ntlha ya nonofo e e tswang mo Modimong, go supa gore Bogosi jwa Modimo bo tsile.


E tlaa re fa ke boela mo botshelong gape, lo tlaa itse gore ke mo go Rre, mme lona lo mo go nna le nna ke mo go lona.


Fa lo ne lo itsile gore ke mang, hong lo ka bo lo itsile gore Rre ke mang. Go tloga fano lo a mo itse, ebile lo mmonye!”


Se ke ka ntlha ya gore ga go nako epe e ba kileng ba itse Rara le fa e le nna.


Mme tsela e e isang botshelong jo bosa khutleng ke e—ke ka go go itse wena Modimo o o boammaaruri o le esi, le Jesu Keresete, ene yo o mo romileng mo lefatsheng!


gonne ke ba neetse melao e o e nneetseng; mme ba e amogetse ebile ba itse ka botlalo gore ke tsile mo lefatsheng ke tswa kwa go wena, jalo ba dumela fa o nthomile.


Baengele ba mmotsa ba re “O lelelang?” A ba fetola a re, “Gonne ba tsere Morena wa me, mme ga ke itse kwa ba mmeileng teng.”


Thomase a re, “Morena wa me le Modimo wa me!”


Mme botshelo ga se sepe fa ke sa bo dirise go dira tiro e ke e neetsweng ke Morena Jesu, tiro ya go bolelela ba bangwe Mafoko a a Molemo kaga lorato le kutlwelo botlhoko e kgolo ya Modimo.


Le fa go ntse jalo dipogiso tsa rona tsa malatsi ano ga se sepe fa di tshwantshiwa le kgalalelo e o tlaa e re nayang mo nakong e e tlang.


kgotsa fa re leng teng kwa godimodimo ga loapi, kgotsa mo lewatleng le le boteng-teng, ga gona sepe se se tlaa kgonang go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo supilweng ke Morena wa rona Jesu Keresete fa a re swela.


Gonne ke ne ke ikaeletse gore ke tlaa bua kaga Jesu Keresete fela le loso lwa gagwe mo mokgorong.


A o ne o sa akanye le kaga rona? Ee, go ntse jalo. O ne o bua se go re supegetsa gore badiri ba Sekeresete ba tshwanetse go duelwa ke ba ba ba direlang. Ba ba lemang le ba ba phothang ba tshwanetse go solofela seabe sengwe mo thobong.


Satane, yo o leng modimo wa lefatshe le le bosula le, o mo foufaditse, ga a kgone go bona kgalalelo ya lesedi la Efangele e e phatsimang mo go ene, kgotsa go tlhaloganya molaetsa o o hakgamatsang o re o rerang kaga kgalalelo ya ga Keresete, yo e leng Modimo.


Gonne Modimo, o o rileng, “A go nne lesedi mo lefifing”, o dirile gore re tlhaloganye gore ke phatshimo ya kgalalelo ya one e e bonalang mo sefatlhogong sa ga Jesu Keresete.


go senola Morwa one mo go nna gore ke tle ke ye kwa go Badichaba ke ba bontshe Mafoko a a Molemo kaga Jesu. Erile fa mo gotlhe go ntiragalela ga ke ise ke re gone fela foo ke ye go go rerisanya le ope;


go fitlhelela lwa bofelo rotlhe re dumela ka go tshwana kaga poloko ya rona le kaga Mmoloki wa rona, Morwa Modimo, rotlhe re bo re gola ka botlalo mo Moreneng, ee, go fitlhelela re le mo selekanyong sa go tlala Keresete mo go senang pelaelo.


Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo le Timotheo batlhanka ba ga Jesu Keresete. Ba kwalela: Badisa ba diputhego le batiakone le Bakeresete botlhe mo Filipi.


Mme jaanong ke tlogetse sengwe le sengwe, ke bonye e le yone fela tsela ya go itse Keresete le go lemoga nonofo e kgolo e e mo rudisitseng, le go bona gore go boga le go swa nae go rayang.


Ga ke reye gore ke itekanetse. Ga ke ise ke ithute tsotlhe tse ke tshwanetseng go di ithuta, mme ke lekela pele go fitlhelela letsatsi le ke tlaa bong ke le se Keresete a se mpoloketseng le se o batlang ke nna sone.


Mme dilo tse tsotlhe tse ke kileng ka gopola gore di siame thata, jaanong ke di latlhile gore ke beye tshepo le tsholofelo ya me mo go Keresete a le esi.


Ke bua se ka gore ke tlaa bo ke seyo go go thusa ka lobaka lo loleele. Lobaka lwa me lo setse lo fitlhile. E tlaa re ka bonako ke bo ke le mo tseleng ya me go ya legodimong.


Gonne fa re ikanyega go ya bokhutlong, re ikanya Modimo fela jaaka re ne ra dira fa re simolola go nna Bakeresete, re tlaa nna le seabe mo go tsotlhe tse e leng tsa ga Keresete.


Ee, o botlhokwa thata mo go lona ba lo dumelang; le mo go ba ba mo ganang, ee, “Lone lentswe la kgokotsho, le le gannweng ke baagi ke lone le e leng lentswe la kgokgotsho, le le tlotlwang thata ebile e le bontlha bongwe jwa kago.”


A o batla boutlwelo-botlhoko jwa Modimo thata le kagiso? Jalo ithute go mo itse botoka thata.


Gonne fa o mo itse thata, o tlaa go naya ka nonofo ya gagwe, sengwe le sengwe se o se batlang go tshela botshelo jwa boammaaruri: O tlhakanela le rona le eleng kgalalelo le tshiamo ya gagwe.


Fa lo ntse lo tsweletse sentle mo tseleng e, lo tlaa nonofa mo moweng lo bo lo nna le maungo le tiriso mo go Morena wa rona Jesu Keresete.


Mme golang mo nonofong ya semowa lo itsanye sentle le Morena le Mmoloki wa rona Jesu Keresete. A mo go ene go nne kgalalelo yotlhe le boitumelo jwa tlotlo, go tloga fano le ka bosakhutleng. Salang sentle. Ke nna, Petere.


Gape ka re, re lo bolelela ka se rona re se bonyeng tota ra bo ra se utlwa, gore lo tle lo nne le seabe mo bolekaneng le mo boitumelong jo re nang najo mo Modimong le mo go Jesu Keresete MorwaOne.


Batho ba ba tlhabantshang Keresete ba, e kile ya ne e le maloko a diphuthego tsa rona, mme tota e ne e se ba rona, gonne fa go ne go ntse jalo ba ka bo ba sa lomologa mo go rona. E rile ba lomologa mo go rona, ga supa sentle gore e ne e se ba rona gotlhelele.


Ebile re itse gore Keresete, Morwa Modimo, o tletse go re thusa go tlhaloganya le go itse Modimo wa boammaaruri. Mme jaanong re mo Modimong gonne re mo go Jesu Keresete Morwaone yo e leng Modimo wa boammaaruri a le nosi; ebile e le Botshelo jo bo sa khutleng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan