Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:7 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 Mme dilo tse tsotlhe tse ke kileng ka gopola gore di siame thata, jaanong ke di latlhile gore ke beye tshepo le tsholofelo ya me mo go Keresete a le esi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

7 Mme tse e neng e le khumo mo go nna ke di kaile tshenyegelo ka ntlha ya ga Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi lilo tse ri ri molemo o mogolu go ’na, ki li kaea li le tatlego ka ntla ea ga Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Le fa go ntse jalo dilo tse di neng di le thuso mo go nna, ke tsone tse ke di kaileng fa di ntatlhegetse ka ntlha ya ga Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:7
20 Iomraidhean Croise  

Go na le poelo ya eng fa motho a rua lefatshe lotlhe, mme a latlhegelwa ke botshelo jo bo sa khutleng? Se se ka tshwantshiwang le letlotlo la botshelo jo bo sa khutleng ke eng?


Hong Baratimaio a apola seaparo sa gagwe se segologolo a se latlhela kwa thoko, a tlola a tla kwa go Jesu.


“Fa mongwe a batla go nna molatedi wa me o tshwanetse go nthata bogolo go gaisa rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana ba gagwe, bomonnawe kgotsa bokgaitsadie-ee, go gaisa le jone tota botshelo jwa gagwe, kwa ntle ga moo ga a ka ke a nna morutwa wa me.


Jalo ga go na ope yo o ka nnang morutwa wa me fa a sa nna fa fatshe pele ga a bala masego a gagwe, mme a a latlhela otlhe mo go nna.


“Monna wa mohumi a tshwanelwa ke go baka molebeledi yo o bolotsana ka go dira botlhale jo bo kalo. Mme ke boammaaruri gore banni ba lefatshe le, ba tlhalefile thata [mo go sa ikanyegeng]! go gaisa batho ba Modimo.


Erile re sena go ja, badiri ba sekepe ba fokotsa morwalo ka go latlhela mabele mo lewatleng.


O ne a bona gore go botoka go bogela Keresete yo o solofetsweng go na le go rua mahumo otlhe a Egepeto, gonne o ne a solofetse tuelo e kgolo e Modimo o neng o tlaa e mo naya.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan