Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:3 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Gonne ga se go segwa ga mebele ya rona mo go reirang bana ba Modimo; ke go mo obamela ka mewa ya rona. E ke yone “thupiso” ya boammaaruri. Rona Bakeresete re galalela mo go se Keresete Jesu a se re diretseng ebile re lemoga gore ga re kake ra ithusa go ipoloka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

3 Gonne ba ba rupileng tota ke rona ba re direlang Modimo ka Mowa, re ipoka ka Keresete Jesu, re sa ikanye nama,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Gone boguera ki rona ba re rihelañ Morimo mo moeeñ, le go belahala mo go Keresete Yesu, mi ga re na boikanyo mo nameñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Gonne bogwera ke rona ba re obamang ka Mowa wa Modimo, re ipelafatsa ka Keresete Jesu, re bile re se na boikanyo bope mo nameng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:3
32 Iomraidhean Croise  

Modimo o itse gore ke lo rapelela gangwe le gape jang. Bosigo le motshegare ke lo baya le tse lo di tlhokang ka thapelo mo go yo ke mo direlang ka thata yotlhe, ke bolelela ba bangwe Mafoko a a molemo kaga Morwaa one.


Jalo go ntshiametse go ipelafatsa go le gonnye kaga se Keresete Jesu o se dirileng ka nna.


Mme jaanong ga lo sa tlhole lo tlhokana le go tshwenyega ka melao ya Sejuta le ngwao gonne lo ne lwa “swa” lo sa ntse lo le mo botshwarongjwa yone, mme jaanong lo ka direla Modimo tota; eseng ka tsela e kgologolo e ka yone lo neng lo obamela melao ka fa go batlwang ka teng, mme e leng ka tsela e ncha, (lo o obamela ka bojotlhe jwa dipelo tsa lona le maikutlo).


Jalo ga re a tshwanela go tshwana le batlhanka ba ba boi ba ba magatlapa, mme re tshwanetse go nna jaaka bana ba Modimo ka sebele, ba ba dirilweng bana ka go tsenngwa mo lwapeng lwa one, go mmitsa “Rara, Rara.”


kgotsa fa re leng teng kwa godimodimo ga loapi, kgotsa mo lewatleng le le boteng-teng, ga gona sepe se se tlaa kgonang go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo supilweng ke Morena wa rona Jesu Keresete fa a re swela.


Jalo he, a Modimo ga o a kgona go diragatsa ditsholofetso tsa one mo Bajuteng? Nnyaa! (Gonne ditsholofetso tse ke tsa ba e leng Bajuta tota). Mme ga se gore mongwe le mongwe yo o tsaletsweng mo go ba ntlo ya Sejuta ke Mojuta wa boammaaruri!


Le fa go ntse jalo batho bao ba tsweletse ka go lo bolelela gore ba ditswerere go le kae, le nna ke tlaa tswelela jalo.


Fa e le gore jaanong re tshela ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo, a re gogweng ke Mowa O O Boitshepo mo tokololong nngwe le nngwe ya matshelo a rona.


A kutlwelo botlhoko ya Modimo le kagiso e nne le lona lotlhe ba lo tshelang ka tsela e, le mo go botlhe ba e leng ba Modimo tota gongwe le gongwe.


Rapelang ka metlha yotlhe. Kopang Modimo sengwe fela ka fa dikeletsong tsa Mowa O O Boitshepo. O kopeng, lo o gakolola ka se lo se tlhokang, mme lo bo lo nne lo rapelele Bakeresete botlhe gongwe le gongwe ka tlhwaafalo.


Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo le Timotheo batlhanka ba ga Jesu Keresete. Ba kwalela: Badisa ba diputhego le batiakone le Bakeresete botlhe mo Filipi.


Ga ke reye gore ke itekanetse. Ga ke ise ke ithute tsotlhe tse ke tshwanetseng go di ithuta, mme ke lekela pele go fitlhelela letsatsi le ke tlaa bong ke le se Keresete a se mpoloketseng le se o batlang ke nna sone.


Ke gagamaletse go fitlha kwa bokhutlong jwa lobelo le go amogela sekgele se Modimo o se re biletsang kwa legodimong ka ntlha ya se Jesu Keresete a se re diretseng.


Erile fa lo tla kwa go Keresete, a lo golola mo dikeletsong tsa lona tse di bosula, eseng ka thupiso ya mmele e e dirwang ka diatla mme e leng ka thupiso ya semowa, kolobetso ya mewa ya lona.


Mme lona, ditsala tse di rategang, lo tshwanetse go aga matshelo a lona ka tlhomamo gape a nitame mo mothaong wa tumelo ya rona e e boitshepo, lo ithuta go rapela ka nonofo le ka tlhotlheletso ya Mowa O O Boitshepo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan