Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:21 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

21 E tlaa re fa a tla o tlaa tsaya mebele e e swang e ya rona, a e fetolele mo mebeleng e e galalelang jaaka wa gagwe, a dirisa nonofo e le nngwe fela e o tlaa e dirisang go tlhabana le sengwe le sengwe gongwe le gongwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

21 yo o tla fetolang mebele e e seng ya sepe ya rona gore e tshwane le mmele wa gagwe wa kgalalelo ka fa thateng e a nonofileng go ka tsenya tsotlhe mo taolong ya gagwe ka yona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Eo o tla hetolañ mebele e e mashue ea rona, gore e ne go cuana yaka mele oa khalalelo oa gague, kaha tihoñ e o ka itaolelañ lilo cotle ka eona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 yo o tlaa bopang seša mmele wa boikokobetso jwa rona, gore o bopege jaaka mmele wa kgalalelo ya gagwe, ka fa go direng mo o nonofileng go ipeela dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe ka teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:21
18 Iomraidhean Croise  

Mme erile ba etse tlhoko, ponalo ya gagwe ya fetoga mo e leng gore sefatlhego sa gagwe se ne sa phatshima jaaka letsatsi, le diaparo tsa gagwe tsa nna bosweu jo bo fatlhang.


Mme Jesu a re, “Phoso ya lona e dirwa ke bosenakitso jwa lona jwa go tlhoka go itse dikwalo le nonofo ya Modimo.


A raya barutwa ba gagwe a re, “Ke neilwe taolo yotlhe kwa Legodimong le mo lefatshing.


Gonne go simologa kwa tshimologong Modimo o ne wa ikaelela gore ba ba tlang kwa go one, ebile ka o ne o ntse o itse gore e tlaa nna bo mang, ba tshwanetse go nna jaaka Morwaa one, gore Morwaa one a tle a nne motsalwa pele mo bakaulengweng ba le bantsi.


Mme fa Keresete yo e leng botshelo jwa rona tota a tla gape, lo tlaa galalela nae lo bo lo nna le seabe mo kgalalelong yotlhe ya gagwe.


Ee, ditsala tse di rategang, re setse re le bana ba Modimo gone jaanong jaana, ebile ga re kake ra akanyetsa gore go tlaa nna jang kwa morago. Mme re itse se, gore fa a tla re tshwana nae, gonne re tlaa mmona fela jaaka a ntse.


“Ke nna Alefa le Omeka, Tshimologo le Bokhutlo jwa dilo tsotlhe,” go bua jalo Modimo, yo e leng Morena, yo e leng Mothatayotlhe yo o leng teng, le yo o neng a le teng le yo o tlang gape!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan