Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:20 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

20 Mme legae la rona le kwa legodimong, kwa Mmoloki wa rona Morena Jesu Keresete a leng teng; mme ebile re lebeletse go boa ga gagwe a tswa teng koo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

20 Mme rona legae la rona le kwa magodimong, re bile re lebeletse Mopholosi go boa teng, e bong Morena Jesu Keresete,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

20 Gone tsamao ea rona, e mo legorimoñ; kua re lebeletseñ muluki, Yesu Keresete morena oa rona;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

20 Gonne motse wa rona o kwa legodimong; kwa le gone re lebeletseng Mmoloki go tswa teng, e bong Morena Jesu Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:20
36 Iomraidhean Croise  

Jesu a mo raya a re, “Fa o batla go itekanela, ya o rekise sengwe le sengwe se o nang naso o neele bahumanegi madi, mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong; mme o tle o ntshale morago.”


Ee, mongwe le mongwe ke seeleele yo o amogelang dikhumo mo lefatsheng e seng kwa legodimong.”


Hong e tlaa re ka tsogo ya basiami, Modimo o tlaa go duelela go laletsa ba ba se ka keng ba go laletsa.”


mme ba re, “Banna ba Galalea ke eng fa lo tsepegetse a matlho kwa legodimong ka kakabalo? Jesu o ile legodimong mme ka letsatsi lengwe o tlaa tla fela jaaka a ile!”


Jaanong lo na le letlhogonolo le tshegofatso; mpho nngwe le nngwe ya semowa le nonofo go dira go rata ga one, dilo tse ke tsa lona mo lobakeng lono lwa go letela go bowa ga Morena wa rona Jesu.


Motho mongwe le mongwe o na le mmele o o tshwanang fela le wa ga Adamo, o dirilwe ka lorole, mme botlhe ba ba nnang ba ga Keresete ba tlaa nna le mmele o o tshwanang le wa gagwe mmele o o tswang kwa legodimong.


Jalo ga re lebe se re ka se bonang jaanong jaana, matshwenyego a re dikanyeditse, mme re lebeletse pele boitumelo mo legodimong jo re iseng re ke re bo bone. Matshwenyego a tloga a fela, mme boitumelo jo bo tlang bo tlaa nnela ruri.


Le gone ga re boife, mme re itumelela go swa, gonne re tlaa bo re le kwa gae le Morena.


Mme mma-motse wa rona ke Jerusalema wa selegodimo, ebile ga se motlhanka wa melao ya Sejuta.


Jaanong ga lo sa tlhole lo le baeng mo Modimong le bajaki mo legodimong, mme lo ba lolwapa lwa Modimo tota, ebile lo ba ntlo ya one mmogo le Bakeresete botlhe.


wa bo wa re ntsha mo lebitleng wa re tsenya mo kgalalelong mmogo le Keresete, kwa re nnang teng le ene mo mannong a segosi a selegodimo ka ntlha ya se Keresete Jesu a se dirileng.


Gonne ke batla gore ka nako tsotlhe lo bone sentle pharologanyo fa gare ga molemo le bosula, le gore lo bo lo nne phepa ka fa teng, go se ope yo o ka lo nyatsang go tloga jaanong go fitlhelela Morena wa rona a tla.


Mme le fa e le eng se se ka ntiragalelang, gakologelwang ka nako tsotlhe go tshela jaaka Bakeresete ba tshwanetse go tshela, gore, fa ke ka lo bona gape kgotsa ke se kake ka lo bona, ke tlaa nna ke utlwa dipego tse di siameng gore lo eme ka maikaelelo a le mangwe fela a a nonofileng, go bolela Mafoko a a Molemo,


Ebile lo solofetse go amogela dilo tse di itumedisang tsa legodimo, le gone ga lo bolo go nna lo di solofela go simolola ka nako e Mafoko a a Molemo a neng a simolola go rerwa ka yone mo go lona.


Gape ba bua ka fa lo lebeletseng ka teng go bowa ga Morwa Modimo a tswa legodimong, ebong Jesu, yo Modimo o neng wa mo tsosa mo baswing, ebile ke ene fela Mmoloki wa rona mo bogaleng jwa Modimo jo bo boitshegang kgatlhanong le sebe.


Gonne Morena ka sebele o tlaa fologa kwa legodimong ka loshalaba lo logolo le go gowa ga moengele mo go amang mowa le go galaotega ga torompeta ya Modimo. Mme Bakeresete ba ba suleng ba tlaa nna ba ntlha go tlhatloga ba ya go kgatlhantsha Morena.


Kwa legodimong serwalo se nkemetse se Morena, moatlhodi wa tshiamo, o tlaa se nnayang ka letsatsi le legolo la go bowa ga gagwe. Mme e seng nna fela, e leng botlhe ba matshelo a bone a supang gore ba lebeletse ka tlhwaafalo go tla ga gagwe gape.


re lebeletse nako e ntle eo, e re ntseng re e lebeletse, e kgalalelo ya One e tlaa bonwang, kgalalelo ya Modimo wa rona o mogolo le Mmoloki Jesu Keresete.


Mme lo tsile sentle mo Thabeng ya Siona, kwa motseng wa Modimo o o Tshelang, Jerusalema wa selegodimo, le kwa kokoanong ya baengele ba ba senang palo ba ba itumetseng;


fela jalo Keresete le ene o sule gangwe fela e le setlhabelo sa dibe tsa batho ba le bantsi; mme o tlaa tla gape, mme legale a sa tlele go dirana le dibe tsa rona. Jaanong o tlaa tla a lerile poloko kwa go botlhe ba ba mo letileng ka tlhwaafalo le bopelotelele.


Bonang! O e tla, a dikaganyeditswe ke maru; mme matlho otlhe a tlaa mmona, ee, le ba ba mo tlhabileng. Le dichaba di tlaa lela ka khutsafalo le ka poifo fa a tla, Ee! Amen!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan