Bafilipi 3:2 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha2 Itlhokomeleng mo bathong ba ba bosula, bao, dintsa tse di diphatsa, ke ba bitsa jalo, ba ba reng lo tshwanetse go rupisiwa gore lo bolokwe. Faic an caibideilSetswana 19702 Itiseng mo dintšweng, itiseng mo badiring ba ba bosula, itiseng mo go segakweng! Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)2 Itiseñ mo linceñ, itiseñ mo barihiñlibe, itiseñ mo basegakiñ. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo2 Lo itise mo dintšeng, lo itise mo badiring ba bosula, lo itise mo go ba ba rupisang. Faic an caibideil |
Ngaparela tumelo ya gago thata mo go Keresete mme ka nako tsotlhe a segakolodi sa gago se nne se le phepa, o dira se o itseng gore se siame. Gonne batho ba bangwe ba tlhokile kutlo mo digakoloding tsa bone, mme ba dira ka bomo tse ba itsileng gore ga di a siama. Ga go hakgamatse gore erile ka bofefo ba latlhegelwa ke tumelo ya bone mo go Keresete ba sena go nyatsa Modimo jalo.
Mme ke bua ka ntlha ya gore Baruti bangwe ba ba senang bo-Modimo ba setse ba itshukunyeditse mo gare ga lona, ba re, fa re sena go nna Bakeresete re ka itirela go rata re sa boife kwatlhao ya Modimo. Tshenyego ya batho ba ba ntseng jalo e kwadilwe bogologolo gonne ba furaletse Mmusi yo e leng ene fela ka nosi Morena wa rona Jesu Keresete.