Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:19 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

19 Bokamoso jwa bone ke tatlhego e e sa khutleng, gonne modimo wa bone ke mpa ya bone: ba ipelafatsa ka se se tshwanetseng go tlhabisa ditlhong; mme se ba akanyang kaga sone fela ke botshelo jwa lefatshe leno.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

19 Bokhutlo jwa bone ke tatlhego, modimo wa bone ke mpa, tlotlo ya bone ke ditlhong tsa bone; ba gopola tsa lefatshe fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

19 Ba, khutlo sa bona e leñ tsenyego, ba, Morimo oa bona e leñ mpa, ba, khalalelo ea bona e leñ litloñ tsa bona, ba ba gopolañ lilo tsa lehatse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

19 ke ba bokhutlo jwa bone e leng tatlhego, ke ba modimo wa bone e leng mpa fela, le ba boipelafatso jwa bone e leng ditiro tsa bone, ke ba ba tlhokometseng dilo tsa selefatshe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:19
52 Iomraidhean Croise  

Jesu a retologela kwa go Petere a re, “Tloga fa go nna, Satane ke wena! O lemena le le diphatsa mo go nna. O akanya ka fa batho ba bonang ka teng, e seng ka fa Modimo o akanyang ka teng.”


Hong ke tlaa gadimela ka fa go ba ba fa molemeng wa me ke re, ‘Tlong, lona ba lo hutsegileng, lo yeng kwa molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabolo le mewa e e maswe.


Mme ke tlaa nna, ke ithaya ke re, “Tsala o na le dithoto tse dintsi tsa dingwaga tse di tlang. Thuba kobo segole! Itumedise botshelo jwa gago ka mofine le basadi o opelelwe.” ’


Hong Jesu a re, “Gonne go ne go na le monna mongwe wa mohumi, yo o neng a apara sentle a nna mo letlepung mo monateng ka letsatsi le letsatsi.


“Moatlhodi o ne a mo tlhokomologa ka lobakanyana mme ya re morago a mo lapisa. A ithaya a re, ‘Ga ke boife Modimo le fa e le motho, mme mosadi yo o a ntshwenya. Ke tlaa mo atlhola gonne o ntapisa ka go boaboa ga gagwe.’ ”


Baruti ba ba ntseng jalo ga ba direle Morena wa rona Jesu, mme ba fufulela dimpa tsa bone fela. Ke dibui tse di itseng go bua mme batho ba ba bopegileng senyana mo tlhaloganyong ba tle ba tsiediwe ke bone ka puo ya bone e e borethe.


Mme maduo e ne ya nna eng? Go bonala sentle gore ga e aka ya nna tshiamo, ka jaanong lo tlhabiwa ke ditlhong go akanya kaga dilo tse lo kileng lwa bo lo di dira, gonne tsotlhe di felela mo tatlhegong ya bosakhutleng.


Gonne lo santse lo le Bakeresete ba ba botlana, ba lo laolwang ke dikeletso tsa lona; e seng tsa Modimo. Fa lo huhegelana mme lo ikaba ka ditlhopha tse di omanang, a se ga se supe gore lo sa le bananyana, lo batla tsela e e leng ya lona? Le fa go ntse jalo, lo dira jaaka batho ba eseng ba Morena gotlhelele.


Mme a lo santse lo ipelafatsa, lo re lo ba “Semowa?” Ke eng fa lo sa lele ka khutsafalo le ditlhong, le gore lo bone gore motho yo o ntshiwa mo botokololong jwa lona?


Mo kana go hakgamatsa jang gore lo bo lo ipelafatsa kaga boitshekiso jwa lona, mme le fa go ntse jalo lo letla selo sa go nna jaana go tswelela pele. A ga lo itse gore fa motho a le mongwe fela a letlelelwa go tswelela mo sebeng, ka bofefo go tlaa ama batho botlhe?


Mme ke tlaa go dira gore ke tlhokise ba ba ipelafatsang seipato sa gore ba dira tiro ya Modimo jaaka re e dira.


jalo ga go hakgamatse gore batlhanka ba gagwe ba ka dira jalo le bone, ba bonale jaaka baruti ba Modimo. Kwa bokhutlong ba tlaa amogela kotlhao nngwe le nngwe e e tshwanelang ditiro tsa bone tsa boikepo.


Mme le bone baruti bao ba ba ineelang mo thupisong ga ba leke go tshegetsa melao e mengwe ya Sejuta; mme ba batla gore lo rupisiwe gore ba tle ba ipelafatse ka gore lo barutwa ba bone.


mongwe le mongwe o bonala a tshwenyega kaga dilo tse e leng tsa gagwe e seng tsa ga Jesu Keresete.


Tlhomang megopolo ya lona mo dilong tse di kwa godimo, eseng mo go tse di mo lefatsheng.


Ba tlaa otlhaiwa mo moleting wa bosakhu-tleng, ba kgaoganyeditswe ruri le sefatlhogo sa Morena, ba se kitla ba bona kgalalelo ya nonofo ya gagwe,


mme botlhe ba tlaa atlholwa fela ka ntlha ya go dumela maaka, go gana Boammaaruri, le go natefelelwa ke dibe tsa bone.


Jalo yo o bosula yo, o tlaa bonala yo Morena Jesu a tlaa mo tshubang ka mowa wa molomo wa gagwe a bo a mo nyeletsa fa pele ga gagwe fa a boa.


Baganetsi ba, ba ditlhaloganyo tsa bone di bo filweng ke sebe, ga ba itse go bolela boammaruri; mo go bone go bolela Mafoko a a Molemo ke leano la go dira madi fela. Ikgapheng mo go bone.


Ba tlaa oka ditsala tsa bone; ba tlaa nna batenegi, baikgogomosi, e le barati ba dikgatlhego bogolo go go rata Modimo.


E seng jalo lo tlaa bo lo ikgantsha ka maano a e leng a lona, mme go itshepa mo go ntseng jaana ga go itumedise Modimo.


Mme go ne go na le baporofiti ba tsietso mo malatsing ao, fela jaaka go tlaa nna le baruti ba tsietso mo go lona. Mme ka botlhale jwa bone ba tlaa bolela maaka kaga Modimo, ba fularela le e leng Morena wa bone yo o ba rekileng; mme ga bone e tlaa nna bokhutlo jo bo bofefo jo bo boitshegang.


Eo ke yone tuelo e baruti ba ba tlaa e bonang ka ntlha ya dibe tsa bone. Gonne ba nna mo botlhapelweng jo bo maswe ja letsatsi le letsatsi. Ba tlhabisa ditlhong ebile ba leswe mo go lona, ba lo tsietsa ka go tshela mo sebeng ka ntlha e nngwe ba tlhakana le lona mo medirong jaaka ekete ke batho ba ba ikanyegang.


Baruti ba, ka ntlha ya bohatlha jwa bone, ba tlaa lo bolelela sengwe fela gore ba tseye madi a lona. Mme Modimo o ba atlhotse bogologolo mme tshenyego ya bone e mo tseleng e a tla.


Mme batho ba, ba kgala ba bile ba sotla sengwe le sengwe se ba sa se tlhaloganyeng, ba tshwana le diphologolo, ba dira sengwe le sengwe se ba se ratang, jalo he, ba senye mewa ya bone.


Batho ba ke bangongoregi ba metlha yotlhe, ga ba ke ba thethebala dipelo, ba dira bosula bongwe le bongwe jo ba bo eletsang, ba boikgantsho ba goletse ganong ke “baipegi” ba rata go itshupa. Mme fa ba tlotla ba bangwe, ba direla fela gore le bone ba tle ba ba thuse.


Mme ke bua ka ntlha ya gore Baruti bangwe ba ba senang bo-Modimo ba setse ba itshukunyeditse mo gare ga lona, ba re, fa re sena go nna Bakeresete re ka itirela go rata re sa boife kwatlhao ya Modimo. Tshenyego ya batho ba ba ntseng jalo e kwadilwe bogologolo gonne ba furaletse Mmusi yo e leng ene fela ka nosi Morena wa rona Jesu Keresete.


O tshetse mo letlepung le mo botlhapelweng, tshwantshanyang matshelo a gagwe le khutsafalo le kutlobotlhoko, o ikgantsha a re, ‘Ke mohumagadi mo setilong sa me sa bogosi. Ga ke motlhologadi yo o se ka keng a itirela sepe. Ga nkitla ke nna le kutlobotlhoko’.


Mme sebatana se se bosula sa tshwarwa, mmogo le Moporofiti wa tsietso, yo o neng a dira dikgakgamatso tse dikgolo fela fa sebatana se se bosula se ne se le teng, dikgakgamatso tse di tsieditseng botlhe ba ba amogetseng lotshwao lwa sebatana, le ba ba obametseng setshwantsho sa sone sa leje. Ka bobedi jwa bone, Sebatana le Moporofiti wa tsietso, ba ne ba latlhelwa mo lecheng la molelo le le tukang ka sebabole.


Mme magatlapa a a mphuralelang, le ba ba sa ikanyegeng mo go nna le ba ba bodileng, ke babolai, baitshekologi, ba ba buang le mewa e e maswe, le baobamedi ba medimo ya disetswa le baaki botlhe, tatlhego ya bone e mo lecheng le le tukang ka molelo le sebabole. Se ke loso lwa bobedi.”


“Kwa ntle ga motse go na le ba ba ikgogonneng mo Modimong, le baloi le diaka le babolai le baobamedi ba medimo ya disetwa, le botlhe ba ba ratang, maaka, le go a bua.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan