Bafilipi 3:18 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha18 Gonne ke lo boleletse gantsi, mme ke bua gape jaanong ka dikeledi mo matlhong a me, go na le ba le bantsi ba ba tsamayang mo tseleng ya Sekeresete mme tota e le baba ba mokgoro wa ga Keresete. Faic an caibideilSetswana 197018 gonne ba bantsi ba ke lo boleletseng gantsi ka ga bone, mme jaanong ke bile ke lo bolelela ka selelo gore ba tshela e le baba ba sefapaano sa ga Keresete. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)18 Gone bantsi ba tsamaea ka go sele, ba ki lo buleletseñ ga bona ka gantsi, le yana kia lo bulelela ka selelo, ha e le bona baba ba mokhoro oa ga Keresete; Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo18 Gonne batho bantsi ba sepela e le baba ba mokgoro wa ga Keresete, e le ba ke ba lo boleletseng gantsi, mme gompieno ke lo bolelela fela ka go lela; Faic an caibideil |
A ga lo itse gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na seabe mo Bogosing jwa Modimo? Lo se ka lwa itsietsa. Ba ba tshelang botshelo jo bo makgapha, ba ba obamelang medimo ya disetwa, bagokagadi kgotsa banna ba ba tlhakanelang dikobo le banna ka bone ga ba na seabe mo bogosing jwa one. Le fa e le magodu, kgotsa batho ba ba bohula, matagwa, bakgadi kgotsa baikgagapedi.
Oo, kana ke ne ke sa rate jang go kwala lokwalo lole! Go batlile go mphatlola pelo thata mo ebileng ke lo bolelela ka boammaaruri gore ke ne ka lela. Ke ne ke sa batle go lo utlwisa botlhoko, mme ke ne ke tshwanetse go lo bontsha gore ke lo rata go le kae le go lo tlhokomela kaga se se neng se lo diragalela.
Erile fa ke bona se se diragalang le gore ba ne ba sa ikanyege kaga se tota ba neng ba se dumela, le gore ba ne ba sa sala morago boammaaruri jwa Mafoko a a Molemo, ka raya Petoro fa pele ga ba bangwe botlhe ka re, “Le fa wena o le Mojuta ka go tsalwa, ga o bolo go latlha melao ya Sejuta; jalo he, ke eng fa ka tshoganetso o leka gore badichaba ba, ba e obamela?
Mmang ke bue jaana, ka go bua jalo ke buelela Morena: se tlholeng lo tshela jaaka ba ba sa bolokwang ba tshela, gonne ba foufaditswe ebile ga ba sa tlhole ba itse se e leng boammaaruri. Dipelo tsa bone tse di tswetsweng di tletse ka lefifi; ba kgakala thata le botshelo jwa Modimo gonne ba o tswaletse megopolo ya bone, mme ga ba kake ba tlhaloganya ditsela tsa one.
Mo go salang sefularong sa bone ke matlhabisa ditlhong le maswabi jaaka mahulo a a leswe a a tlogetsweng ke diphefo tsa makhubu a metsi a molapo mo lotshitshing, ba kaila gongwe le gongwe ba lebega ba phatsima jaaka dinaledi. Mme kwa pele ga bonwa go na le lefifi le le ntsho la bosakhutleng le ba le baakanyeditsweng ke Modimo.