Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:15 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

15 Ke solofela gore lotlhe ba lo leng Bakeresete ba ba godileng mo tumelong lo tlaa nna maikutlo a le mangwe le nna mo mabakeng one a, mme fa re sa dumalane mo ntlheng nngwe ke dumela gore Modimo o tlaa lo e tlhalosetsa sentle,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

15 Jaanong rona rotlhe ba re tletseng, a re nneng le kgopolo e e ntseng jalo; mme fa lo ka akanya sengwe ka go sele, le sona Modimo o tla se lo senolela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

15 Mi ki gona, botle ba rona ba re rihiloeñ botlalo, a re utlueñ kutluo e; mi ha lo na le kutluo e sele kaga señue, le shona Morimo o tla se lo bontsa;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

15 Ke gone, botlhe ba ba itekanetseng mo go rona, a re nneng maikutlo a a ntseng jalo; mme fa lo le maikutlo a sele mo selong sengwe, le sone Modimo o tlaa se lo senolela;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:15
21 Iomraidhean Croise  

Mme lo tshwanetse lwa nna boikanyego, fela jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boikanyego.


“Mme fa baleofi jaaka lona ba naya bana se ba se tlhokang, a ga lo lemoge gore Rraeno yo o kwa legodimong o tlaa dira mo go tona, a neela Mowa O O Boitshepo ba ba o kopang?”


Jaaka go kwadilwe mo Dikwalong, ‘Botlhe ba tlaa rutwa ke Modimo.’ Ba Rara o buang nabo, ba ba ithutang boammaaruri mo go ene, ba tlaa tla kwa go nna.


Fa mongwe wa lona a ikaelela go dira go rata ga Modimo ka boammaaruri, hong lo tlaa itse gore a thuto ya me e tswa Modimong kgotsa ke ya me fela.


Le fa re dumela gore ga go dire pha rologanyo epe mo Moreneng fa re dira dilo tse, le fa go ntse jalo ga re na go tswelela pele re dira re iitumedisa; gonne re tshwanetse go rwala “mokgweleo” wa go akanyetsa dipelaelo le dipoifo tsa ba bangwe, tsa ba ba bonang gore dilo tse ga di a siama. A re itumediseng yo mongwe, e seng rona, re bo re dire se se tshwanetseng tshiamo ya gagwe gore re mo age mo Moreneng.


Bakaulengwe ba ba rategang, se nneng banyana mo go tlhaloganyeng dilo tse. Nnang banyana fa go logwa maano a bosula, mme lo nne batho ba ba botlhale mo go tlhaloganyeng dilo tsa mofuta o.


Le fa go ntse jalo fa ke na le Bakeresete ba ba nonofileng mo tumelong ke a tle ke bue mafoko a botlhale jo bogolo, mme e seng a mofuta o o tswang mono lefatsheng, le e seng ka mofuta wa batho ba lefatshe le, ba ba tlaa tlogang ba nyelela.


Ke ikanya Morena go lo busetsa mo go dumeleng jaaka ke dumela kaga dilo tse. Modimo o tlaa atlhola mosiamolodi yoo, le fa e ka ne e le mang, yo o ntseng a lo tshwenya ebile a lo tlhakatlhakanya ditlhogo.


Jalo gongwe le gongwe kwa re yang teng re bua kaga Keresete mo go botlhe ba ba tlaa ree-tsang, re ba tlhagisa ebile re ba ruta ka fa re itseng ka teng ka ntlha ya se Keresete a se diretseng mongwe le mongwe wa bone.


Epaferase, yo o tswang mo motseng wa lona, motlhanka wa ga Keresete Jesu, o a lo dumedisa. O lo rapelela ka tlhwaafalo malatsi otlhe, a kopa Modimo go lo nonotsha le go lo dira boitekanelo le go lo thusa go itse go rata ga One mo go sengwe le sengwe se lo se dirang.


Mme kaga lorato lwa sekaulengwe lo lo itshe-kileng lo lo tshwanetseng go nna mo bathong ba Modimo, ga ke tlhoke go bua thata, ke a tlhomamisa! Gonne Modimo ka bo One o lo ruta go ratana.


Ke tsela ya Modimo ya go re siamisa mo dilong tsotlhe, gore re felele mo go direleng batho botlhe tshiamo ka botlalo.


Ga lo kitla lo kgona go ja dijo tse di loileng tsa semowa lo bo lo tlhaloganya dilo tse di kwa teng-teng tsa Lefoko la Modimo go fitlhelela lo nna Bakeresete ba ba botoka lo bo lo ithuta go itse pharologanyo fa gare ga tshiamo le bosula ka go itlwaetsa go dira tshiamo.


Mme ba ba dirang se Keresete a se ba rayang gore ba se dire, ba tlaa nna ba rata Modimo thata. Ke yone tsela ya go itse gore a o Mokeresete kgotsa nnyaa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan