Bafilipi 3:14 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha
14 Ke gagamaletse go fitlha kwa bokhutlong jwa lobelo le go amogela sekgele se Modimo o se re biletsang kwa legodimong ka ntlha ya se Jesu Keresete a se re diretseng.
Go tla go fitlha mo motlheng o Johane wa Mokolobetsi o neng a simolola go rera ka one, melao ya ga Moshe le ya Baporofiti e ne e le yone e e lo kaelang. Mme Johane a lo itsise kaga: Mafoko a a Molemo gore bogosi jwa Modimo bo tlaa tla ka bonako. Mme bontsintsi jwa ba ba eletsang ba itshukunyetsa mo go jone.
Matshwenyego a le dipogiso tsa rona, a mannye ebile ga a tseye lobaka lo lo leele. Le fa go ntse jalo lobaka lo lo khutshwane lo lwa bohutsana lo tlaa felela mo tshegofatsong e kgolo ya Modimo mo go rona ka metlha le metlha!
Gonne ga se go segwa ga mebele ya rona mo go reirang bana ba Modimo; ke go mo obamela ka mewa ya rona. E ke yone “thupiso” ya boammaaruri. Rona Bakeresete re galalela mo go se Keresete Jesu a se re diretseng ebile re lemoga gore ga re kake ra ithusa go ipoloka.
Se letleleleng ope go lo raya a re lo latlhegile fa lo gana go obamela baengele, jaaka ba re lo tlamega go ba obamela. Ba re ba bonye ponatshegelo, mme ba itse gore lo tshwanetse. Batho ba ba ikgogomosang ba, ba na le kakanyo ya botlhale jo bogolo.
gore matshelo a lona a malatsi otlhe a seka a tlhabisa Modimo ditlhong, mme a lere boitumelo mo go One o o lo laleditseng mo bogosing jwa One go nna le seabe mo kgalalelong ya One.
Ke ene yo o re bolokileng le yo o re tlhophetseng tiro ya gagwe e e boitshepo, e seng ka ntlha ya gore e re tshwanetse mme e le ka ntlha ya gore e ne e le leano la One la bogologolo pele ga lefatshe le simologa, go supa lorato lwa One mo go rona le bopelotlhomogi ka Jesu Keresete.
Jalo he, bakaulengwe ba Modimo o lo itlhaoletseng, lona ba lo tlhophetsweng legodimo, ke batla gore jaanong lo akanye ka Jesu yo, yo e leng Morongwa wa Modimo ebile e le Moperesiti yo Mogolo wa tumelo ya rona.
A re khutliseng go tlhola re ntse re boelela selo se le sengwe fela gangwe le gape, ka malatsi otlhe re ruta dithuto tsele tsa pele kaga Keresete. Go na le moo, a re tsweleleng pele mo dilong tse dingwe re bo re gole mo go tlhaloganyeng ga rona, jaaka Bakeresete ba ba nonofileng ba tshwanetse go nna. Tota ga re tlhoke go tswelela re buela pele ka boeleele jwa go leka go bolokwa ka go nna tshiamo, kgotsa ka botlhokwa jwa tumelo mo Modimong;
Fa lo sena go boga ka lobakanyana, Modimo wa rona yo o tletseng bopelo-tlhomogi ka Keresete, o tlaa lo naya kgalalelo ya One e e sa khutleng. One ka boone o tlaa lo tsholetsa, mme o lo tlise, o lo thatafatse go gaisa ka metlha.
Gonne fa o mo itse thata, o tlaa go naya ka nonofo ya gagwe, sengwe le sengwe se o se batlang go tshela botshelo jwa boammaaruri: O tlhakanela le rona le eleng kgalalelo le tshiamo ya gagwe.
Ke tlaa letla mongwe le mongwe yo o fenyang gore a nne go bapa le nna mo setilong sa me sa Bogosi, fela jaaka le nna ke tshotse bonno go bapa le Rre mo setilong sa gagwe sa Bogosi, fa ke se na go fenya.