Bafilipi 3:13 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha13 Nnyaa, bakaulengwe ba ba rategang, ga ke ise ke nne gotlhe mo ke tshwanetseng go nna gone, mme ke leka ka natla yotlhe go tlhokomela selo se le sengwe fela se: go lebala tse di kwa morago ke lebelela tse di kwa pele. Faic an caibideilSetswana 197013 Ba ga etsho, nna ga ke ikaye gore ke setse ke tshwere; mme selo se le sengwe ke a se dira ke se: Ke lebala dilo tse di kwa morago, ke gagamalela tse di kwa pele. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)13 Bakauleñue, ga ki kaee ha ki se cuere; mi señue se kia se riha, ki lebala lilo tse ri kua morago, ki gagamalela liloñ tse ri kua pele, Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo13 Bagaetsho ga ke ikaye gore ke setse ke tshwere; mme selo sengwe ke a se dira, ka re, ke tlhokomologa dilo tse di kwa morago, ke gagamalela kwa dilong tse di kwa pele. Faic an caibideil |
Ditsala tse di rategang, erile fa ke na le lona koo, le ne lo tlhokomela ka nako tsotlhe go latela ditaolo tsa me. Mme jaanong ka ke seyo lo tshwanetse go tlhokomela thata go dira dilo tse di siameng tse di felelelang mo polokong, lo ikobela Modimo ka tshisimogo e kgolo, lo ikgape mo go tsotlhe tse di ka tlhokang go o itumedisa.
A re khutliseng go tlhola re ntse re boelela selo se le sengwe fela gangwe le gape, ka malatsi otlhe re ruta dithuto tsele tsa pele kaga Keresete. Go na le moo, a re tsweleleng pele mo dilong tse dingwe re bo re gole mo go tlhaloganyeng ga rona, jaaka Bakeresete ba ba nonofileng ba tshwanetse go nna. Tota ga re tlhoke go tswelela re buela pele ka boeleele jwa go leka go bolokwa ka go nna tshiamo, kgotsa ka botlhokwa jwa tumelo mo Modimong;