Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:12 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

12 Ga ke reye gore ke itekanetse. Ga ke ise ke ithute tsotlhe tse ke tshwanetseng go di ithuta, mme ke lekela pele go fitlhelela letsatsi le ke tlaa bong ke le se Keresete a se mpoloketseng le se o batlang ke nna sone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

12 Ga se go re ke setse ke tshwere, gongwe ke setse ke le botlalo; mme ke ntse ke bo tabogela gore motlhamongwe ke bo tshware, ka le nna ke tshwerwe ke Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Esiñ go re ki setse ki hitlile, khotsa ki rihiloe botlalo; mi kia latela, gore ki cuare se ki cueroeñ ki Keresete Yesu ka ntla ea shona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Ga se go re ke setse ke fitlhile, le fa e le gore ke setse ke itekanetse; mme ke lekela kwa pele, e tle e re kgotsa ke tshware se e leng sone le nna ke se tshwaretsweng ke Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:12
44 Iomraidhean Croise  

Mme lo tshwanetse lwa nna boikanyego, fela jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boikanyego.


Mme Morena a re, “Tsamaya o dire se ke se buang. Gonne Saulo ke sejana same se se tlhaotsweng go isa molaetsa wame mo go Badichaba le mo dikgosing tsa bone, le mo bathong ba Iseraele.


kgotsa fa re leng teng kwa godimodimo ga loapi, kgotsa mo lewatleng le le boteng-teng, ga gona sepe se se tlaa kgonang go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo supilweng ke Morena wa rona Jesu Keresete fa a re swela.


mme fa se se itekanetseng se tla, se se sa itekanelang se tlaa nyelela.


Mme fela jalo, re ka bona ra bo ra tlhaloganya go le gonnye fela kaga Modimo, jaaka ekete re lebetse tsabakelo ya gagwe mo seiponeng se se letobo; mme letsatsi lengwe re tlaa mmona fela jaaka a ntse, re lebane mo matlhong. Mme gompieno ke santse ke le mo letobong, mme e tlaa re kwa morago ke tlaa bona sengwe le sengwe sentle; fela jaaka Modimo o bona mo teng ga pelo ya me gompieno.


Mo lobelong, mongwe le mongwe o a siana mme motho a le mongwe fela a gape sekgele sa ntlha. Jalo sianang lobelo lwa lona go gapa sekgele.


Re itumelela go nna bokoa le go nyadiwa fa tota lo nonofile. Keletso ya rona e kgolo le thapelo ke gore lo nne Bakeresete ba ba nonofileng.


Ka re na le ditsholofetso tse di kgolo tse, ditsala tse di rategang, a re fulareleng sengwe le sengwe se se ka re leswefatsang, a e ka bo e le mo mmeleng kgotsa mo moweng mme re iphepafatse gore re nne mo poifong-Modimo ka botlalo, re ineele one o le nosi.


Gonne ka tlholego re rata go dira dilo tse di bosula tse e leng gore ke dilo di sele fela mo dilong tse Mowa O O Boitshepo o re bolelelang gore re di dire; mme dilo tse di molemo tse re batlang go di dira fa Mowa O O Boitshepo o re kaela tsela ke dilo di sele mo dithatong tsa rona tsa tlholego. Dinonofo tse pedi tse, tse di mo go rona, di tsweletse ka go lwela go re laola, mme dikeletso tsa rona ga di a gololesega mo dikgatelelong tsa tsone.


Erile bogologolo, le pele ga o dira lefatshe, Modimo o ne wa re itlhophela go nna baone tota, ka se Keresete o neng a tlaa se re direla; o ne wa ikaelela go re itshepisa mo matlhong a One, re sena molato ope rona ba re emeng fa pele ga one re apere lorato lwa one.


Ke eng fa a re naya dineo tsa botlhokwa go dira dilo dingwe botoka? Ke ka ntlha ya gore batho ba Modimo ba tlaa nonotshiwa go mo direla tiro ka botswerere, ba aga phuthego, ebong mmele wa ga Keresete, go nna mo maemong a nonofo le tlhaloganyo e e tletseng,


Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo le Timotheo batlhanka ba ga Jesu Keresete. Ba kwalela: Badisa ba diputhego le batiakone le Bakeresete botlhe mo Filipi.


fa lo ikobela boammaaruri jo lo nang najo.


Gonne ga se go segwa ga mebele ya rona mo go reirang bana ba Modimo; ke go mo obamela ka mewa ya rona. E ke yone “thupiso” ya boammaaruri. Rona Bakeresete re galalela mo go se Keresete Jesu a se re diretseng ebile re lemoga gore ga re kake ra ithusa go ipoloka.


Ee, sengwe le sengwe ga se na mosola fa se tshwantshanngwa le poelo e e senang theko ya go itse Morena wa me Jesu Keresete. Ke beetse tsotlhe fa thoko, ke di bona e se sepe, gore ke tle ke nne le Keresete,


Lo bone gore ope a seka a busolosa bosula ka bosula, mme ka malatsi otlhe lo leke go diralana molemo.


Mme re tshwanetse ka metlha yotlhe go leboga Modimo kaga lona, bakaulengwe ba rona ba ba ratwang ke Morena, gonne Modimo o sale o tlhopha kwa tshimologong go lo naya poloko, go lo ntlafatsa ka tiro ya Mowa O O Boitshepo le ka go ikanya Boammaaruri ga lona.


O tshwanetse go kaiwa ka tshiamo ke mongwe le mongwe ka ntlha ya tshiamo e o e dirileng. A o goditsitse bana ba gagwe sentle? A o ne a le tshiamo mo baeting le mo Bakereseteng ba bangwe? A o ipaakanyeditse go supa tshiamo ya gagwe nako tsotlhe?


Ka go dira jalo ba tlaa bo ba ipolokela dikhumo kwa legodimong, ke yone fela polokelo ya bosakhutleng! Mme ba tlaa tshela botshelo jwa Sekeresete jo bo nang le maungo mono lefatsheng le kwa legodimong.


Lekang go tswa gotlhelele mo dikomanong mme lo batle go tshela botshelo jo bo phepa jo bo itshepileng, gonne yo o seng boitshepo ga a kitla a bona Morena.


le kwa phuthegong, e e dirilweng ka botlhe ba ba kwadilweng mo legodimong; le kwa Modimong o o leng mosekisi wa botlhe; le kwa meweng ya ba ba kwa legodimong ba ba golotsweng, ba ba setseng ba ntlafaditswe;


Fa motho le fa e le mang a ka kgona go laola loleme lwa gagwe, go supa gore o na le thata ya go ikgapa ka ditsela tsotlhe.


Fa lo sena go boga ka lobakanyana, Modimo wa rona yo o tletseng bopelo-tlhomogi ka Keresete, o tlaa lo naya kgalalelo ya One e e sa khutleng. One ka boone o tlaa lo tsholetsa, mme o lo tlise, o lo thatafatse go gaisa ka metlha.


Mme golang mo nonofong ya semowa lo itsanye sentle le Morena le Mmoloki wa rona Jesu Keresete. A mo go ene go nne kgalalelo yotlhe le boitumelo jwa tlotlo, go tloga fano le ka bosakhutleng. Salang sentle. Ke nna, Petere.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan