Bafilipi 3:11 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha11 Gore e tle e re kgotsa ka mokgwa mongwe ke tle ke nne mo botshelong jo bosha jwa ba ba tshedileng mo baswing. Faic an caibideilSetswana 197011 e tle e re gongwe ke fitlhe mo tsogong ya baswi. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)11 Gore ha go ka na yalo, ki hitlele go ba go coga ga bashui. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo11 e tle e re kgotsa ka mokgwa mongwe ke ye go fitlha mo go tsogeng ga baswi. Faic an caibideil |
Mme ka gore Dinwane Dintle e ne e le boemelo jo bo mo pepeneneng, lefelo le le sa siamelang go nna mo go lone mariga, bontsi jwa batho ba ba dirang mo sekepeng ba re gakolola gore go ka nna jang fa re leka go tlhatlogela kwa Finekisa go fetsa mariga teng; Finekisa e ne e le boemelo jwa dikepe jo bo siameng bo lebile kwa bokone-bophirima le kwa borwa-bophirima.
Fa ke na le ba digakolodi tsa bone di leng bokoa, ga ke dire jaaka e ka re ke itse gotlhe ga ke ba bitse dieleele; pheletso ke gore ba eletsa gore ke ba thuse. Ee, le fa motho a ntse jang, ke leka go bona seemo se se motlhofo ka ene go re a tle a ntetle go mmolelela kaga Keresete le go letla Keresete gore a mmoloke.
Mme basadi bangwe, ka tumelo, ba amogela ba ga bone ba ba rategang, ba ba neng ba sule. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ikanya Modimo, mme ba betswa go fitlhelela ba a swa. Ba itlhophela go swa go na le go furalela Modimo gore ba gololesege, ba tshepha gore ba tlaa tsogela botshelong jo bo botoka moragonyana.