Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:1 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Mme le fa go ka diregang, ditsala tse di rategang, itumeleng mo Moreneng. Ga nke ke lapisega go lo bolelela se, ebile go lo siametse go se utlwa gangwe le gape.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 Gape, ba ga etsho, itumeleng mo Moreneng. Go lo kwalela dilo di le dingwe fela, nna ga go ntapise, mme lona go a lo tiisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 YA bohelo, bakauleñue ba me, Itumeleñ mo Moreneñ. Go lo kualela lilo tse ri cuanañ yaka cona ga si kutluisho‐botluku go ’na, mi ki tlomamo go lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Sa bofelo, bagaetsho, itumeleng mo Moreneng. Go nna ke lo kwalela dilo di le dingwe fela, le gale ga go ntapise, ka ga lona ke go lo direla tlhomano.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:1
46 Iomraidhean Croise  

Itumeleng ka ga gone! Ipeleng thata! Gonne tuelo ya lona e kgolo e lo letile kwa legodimong. Mme gakologelwang gore, Baporofiti ba bogologolo le bone ba ne ba bogisiwa.


Ke itumela jang mo Modimong Mmoloki!


Jaanong re itumela mo kgolaganong ya rona e ntle e ncha le Modimo, gotlhe ka ntlha ya se Morena wa rona Jesu Keresete o se dirileng ka go swela dibe tsa rona, a re dira ditsala tsa Modimo.


Ke fetsa lokwalo lwa me ka mafoko a a bofelo. Itumeleng. Golang mo Moreneng. Tlhokomelang se ke se buileng. Nnang ka kutlwano le kagiso. A Modimo o o lorato le kagiso o nne le lona.


Lwa bofelo, ke batla go lo gakolola gore nonofo ya lona e tshwanetse go tswa mo nonofong e kgolo ya Morena e e mo go lona.


Gonne ga se go segwa ga mebele ya rona mo go reirang bana ba Modimo; ke go mo obamela ka mewa ya rona. E ke yone “thupiso” ya boammaaruri. Rona Bakeresete re galalela mo go se Keresete Jesu a se re diretseng ebile re lemoga gore ga re kake ra ithusa go ipoloka.


Nnang lo itumetse mo Moreneng ka metlha yotlhe; ke ipoeletsa gape, ka re itumeleng!


Mme jaanong, bakaulengwe, a e re ke tswala lokwalo lo, ke boelele gape selo se: tiisang megopolo ya lona mo boammaaruring le mo molemong le mo tshiamong. Akanyang kaga dilo tse di itshekileng le tse di ntle mme lo nne mo dilong tse di siameng, tse di molemo mo go ba bangwe. Akanyang kaga tsotlhe tse lo ka galaletsang Modimo ka tsone lo bo lo itumele kaga tsone.


Mmang ke oketse ka se, bakaulengwe ba ba rategang: Lo setse lo itse go itumedisa Modimo mo botshelong jwa lona jwa malatsi otlhe, gonne lo itse melao e re e lo neetseng e tswa kwa go Morena Jesu ka sebele. Jaanong re a lo kopa, ee, re batla se mo go lona ka leina la Morena Jesu, gore lo tshele lo le gautshwane le one mogopolo oo.


Itumeleng ka metlha yotlhe.


Lo ya kwa: Bajuteng ba ba rategang, Bakaulengwe a botshelo jwa lona bo mo mathateng le dithaelong? Ke gone he itumeleng,


Mme jaanong se ke lefoko la lona lotlhe: Lo tshwanetse go nna jaaka lolwapa lo lo itumelang; lo tletse kutlwelo botlhoko mo go ba bangwe, lo ratana ka dipelo tse di bonolo le dikakanyo tse di kokobetseng.


Mo boemong jwa mo, itumeleng, gonne diteko tse di tlaa lo dira bapati ba ga Keresete mo pogisong ya gagwe, mme morago lo tlaa nna le boipelo jo bo hakgamatsang jwa go tlhakanela kgalalelo ya gagwe mo letsatsing le le tlang fa le bonadiwa.


Lo ke lokwalo lwa me lwa bobedi, bakaulengwe ba ba rategang, mme mo go tsone tsoopedi ke lekile go lo gakolola, fa lo ntetla kaga boammaaruri jo lo setseng lo bo itse:


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan