Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:9 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 Le fa go ntse jalo e ne e le ka ntlha ya gone mo, mo Modimo o neng wa mo tsholeletsa kwa legodimong mme wa mo naya leina le le fetang maina otlhe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

9 Ke ka moo Modimo o mo godisitseng mo go fetang, wa mo naya leina le le fetang leina lengwe le lengwe

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Ki gona Morimo le ona o mo gorisitseñ segolu bogolu, mi oa mo naea leina, ye le legolu bogolu mo maineñ aotle;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Ke gone ka moo Modimo le one o mo godisitseng thata, mme wa mo naya lone leina le le fetang maina a otlhe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:9
46 Iomraidhean Croise  

“Boammaaruri jotlhe ke bo neetswe ke Rre. Rara fela ke ene a itseng Morwa, le Rara o itsiwe ke Morwa fela le ba Morwa o ba mo senolelang.


A raya barutwa ba gagwe a re, “Ke neilwe taolo yotlhe kwa Legodimong le mo lefatshing.


Ke moemedi wa ga Rre mo dilong tsotlhe; mme ga go ope tota yo o itseng Morwa fa e se Rara, le gone ga go ope yo o itseng Rara fa e se Morwa le ba Morwa o ba tlhophang go mo senola.”


Jaanong ke tloga mo lefatsheng, mme ke ba tlogela kwa morago, ke tla kwa go wena. Rara yo o Boitshepo, ba babalele, botlhe ba o ba nneileng, gore ba nne selo se le sengwe fela jaaka re ntse, go sa latlhega ope.


Ka nako ya fa ke sa ntse ke le mono, ke bolokile batho botlhe ba o ba nneileng ba lwapa lwa gago. Ke ne ka ba tlhokomela gore le fa e le ope wa bone a seka a nyelela, fa e se morwa tatlhego fela fela jaaka dikwalo di boletse pele.


Mme jaanong, Rara, senola kgalalelo ya me jaaka ke eme fa pele ga gago, kgalalelo e re neng ra e tlhakanela pele ga lefatshe le simologa.


Mme ka nonofo e kgolo, Modimo wa mo tsholetsa go nna Kgosana le Mmoloki, gore batho ba Iseraele ba tle ba nne le lobaka lwa boikwatlhao le gore dibe tsa bone di itshwarelwe.


mme maikaelelo a One e ne e le a: gore e re fa lobaka lo setse lo siame o re phuthe rotlhe gongwe le gongwe kwa re leng teng, mo legodimong kgotsa mo lefatsheng, go nna le one mo go Keresete, ka bosakhutleng.


Ke ene tlhogo ya mmele o o dirilweng ka batho ba gagwe, ke gore, phuthego ya gagwe e a e simolo-tseng; gape ke Moeteledipele wa botlhe ba ba tsogang mo baswing, gore a nne wa ntlha mo dilong tsotlhe;


Mme mongwe le mongwe o tlaa galaletsa leina la Morena Jesu Keresete ka ntlha ya maungo a ba a bonang mo go lona; mme kgalalelo ya lona e kgolo e tlaa bo e le gore lo ba gagwe. Kutlwelo botlhoko ya Modimo wa rona le ya Morena Jesu e dirile gore mo gotlhe go kgonege mo go lona.


Jalo a nna mogolo thata mo baengeleng, jaaka go supiwa ke boammaaruri jo bo reng, leina la gagwe ke “Morwa Modimo,” le a neng a le rewa ke Rraagwe, le legolo thata mo maineng a baengele le maina a a supang maemo a bone.


O rata boammaaruri o ila bosula; jalo Modimo, le e leng Modimo wa gago, o goromeleditse boitumelo jo bogolo go feta motho le fa e le mang.”


Tlhomang matlho a lona mo go Jesu, moeteledipele le moruti wa rona. O ne a ineela go swa loso lo lo tlhabisang ditlhong mo mokgorong ka ntlha ya boitumelo jo a neng a itse fa bo mo letetse kwa morago; mme jaanong o nna mo lefelong la tlotlo gaufi le setilo sa bogosi sa Modimo.


mme re bona ene Jesu, yo ka lobakanyana a neng a le kwa tlase ga baengele go le gonnye, jaanong a rwesiwa kgalalelo le tlotlo ke Modimo gonne o re bogetse ka loso. Ee, gonne ka kutlwelobotlhoko ya Modimo e kgolo, Jesu o ne a utlwa loso ka ntlha ya batho botlhe mo lefatsheng lotlhe.


Mme jaanong Keresete o kwa legodimong, o ntse mo felong ga tlotlego go bapa le Modimo Rara, baengele botlhe le dinonofo di a mo obamela, di a mo utlwa.


Ke ne ke le gone mo thabeng e e boitshepo fa a phatshima ka tlotlo e o e neilweng ke Modimo Rraagwe; ke utlwile lentswe leo le le galalelang la Bogosi le le neng le tswa legodimong, le re, “Yo ke Morwaake yo o rategang thata; ke itumela thata ka ene.”


Gonne ba tsamaela Morena, mme ga ba tseye dijo, diaparo, mogope (tante) le fa e le madi mo go ba e seng Bakeresete, le fa tota ba ba reretse.


le mo go Jesu Keresete yo ka go ikanyega a re senolelang boammaaruri jotlhe. Ke ene wa ntlha go tsoga mo baswing, le go sa tlholeng a a swa. O mogolo go feta kgosi nngwe le nngwe mo lefatsheng lotlhe. A a bakwe yo o re ratang ka metlha yotlhe le yo o re gololang mo dibeng tsa rona ka go re tshololela madi a gagwe a botshelo.


Gone foo moengele wa bosupa a letsa torompeta ya gagwe, mme ga bo go le mantswe a magolo a goa a tswa kwa legodimong a re, “Bogosi jwa lefatshe leno jaanong ke jwa Morena wa rona, le Keresete wa gagwe; mme o tlaa busa ka metlha le metlha.”


Mo kobong ya gagwe le mo seruping ga bo go kwadilwe mokwalo o: “KGOSI YA DIKGOSI LE MORENA WA BARENA.”


Ke tlaa letla mongwe le mongwe yo o fenyang gore a nne go bapa le nna mo setilong sa me sa Bogosi, fela jaaka le nna ke tshotse bonno go bapa le Rre mo setilong sa gagwe sa Bogosi, fa ke se na go fenya.


Ba opelela kwa godimo ba re, “Kwana e nonofile, Kwana e e neng e tlhabilwe. E tshwanetswe ke go amogela nonofo, le mahumo le botlhale, le thata, le tlotlego, le kgalalelo, le tshegofatso.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan