Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:8 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Mme o ne a ikokobetsa go feta foo, mo e leng gore o ne a bo a swa loso lo lo tshwanang le lwa senokwane mo mokgorong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 a ikokobetsa ka go nna yo o utlwang go ya losong, e bong loso lwa sefapaano.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi a bonoa mo popegoñ ea mothu. A inolahatsa, mi a na a utlua go ea loshuñ, E, mo loshuñ loa mokhoro.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Mme o rile a fitlhelwa a le mo popegong ya motho, a ikokobetsa, a ineela fela le mo losong, e bong e e leng loso lwa mokgoro.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:8
26 Iomraidhean Croise  

Mme erile ba etse tlhoko, ponalo ya gagwe ya fetoga mo e leng gore sefatlhego sa gagwe se ne sa phatshima jaaka letsatsi, le diaparo tsa gagwe tsa nna bosweu jo bo fatlhang.


A ya fa pelenyana, a wela ka sefatlhogo fa fatshe, a rapela a re, “Rara! Fa go kgonega, a senwelo se se tlosiwe fa go nna. Mme ke batla thato ya gago, eseng ya me.”


Gape a ba tlogela a ya go rapela, a re, “Rara! Fa senwelo se se sa kake sa feta fela fa ke sa se nwe sotlhe, a go rata ga gago go diragale.”


Mme ya re a ntse a rapela, sefatlhogo sa gagwe sa simolola go phatsima le diaparo tsa gagwe tsa sweufala tsa lakasela.


Ga go na ope yo o ka mpolayang kwa ntle ga go rata ga me. Ke ntsha botshelo jwa me setlhabelo ka bonna. Gonne ke na le tshwanelo le nonofo ya go bo ntsha setlhabelo fa ke batla le tshwanelo le nonofo ya go bo tsaya gape. Gonne Rara o nneile tshwanelo e.”


mme ke tlaa dira ka kgololesego se Rara o se batlang mo go nna gore lefatshe le tle le itse fa ke rata Rara. Tlang, a re tsamayeng.”


Fa lo inkobela, lo nna mo loratong lwa me, fela jaaka ke reetsa Rara ebile ke nna mo loratong lwa gagwe.


Mme Jesu a ba tlhalosetsa jaana a re: “Dikotla tsa me di mo go direng go rata ga Modimo o o nthomileng, le mo go fetseng tiro ya One.


mo go sotlweng ga gagwe, ga a ka a direlwa tshiamo; mme ke mang yo o ka ranolang bomaswe jwa losika lwa gagwe? Gonne botshelo jwa gagwe bo tlositswe mo lefatsheng.”


Adamo o dirile ba le bantsi gore ba nne baleofi gonne gaa a ka a reetsa Modimo, mme Keresete o dirile ba le bantsi go amogelesega kwa Modimong gonne o ne a reetsa Modimo.


Lo itse ka fa Morena wa rona Jesu Keresete o neng a le lorato le bonolo ka teng: Le fa a ne a humile thata, ka ntlha ya go lo thusa o ne a humanega thata, gore ka go humanega ga gagwe a lo humise.


Mme Keresete o re rekile ka fa tlase ga phutso eo ya tsela e e sa kgonegeng ka go tsaya phutso ya rona ka ntlha ya ditiro tse di bosula a e baya mo magetleng a gagwe. Gonne go kwadilwe mo Lokwalong gatwe, “Le fa e le mang yo o pegilweng mo setlhareng o hutsegile,” (jaaka Jesu a ne a lepelediwa mo mokgorong wa logong).


Yo o suleng ka fa tlase ga tshekiso ya Modimo a swela dibe tsa rona, gore a tle a re falotshe mo go weleng gangwe le gape mo sebeng le go re dira ba e leng ba gagwe tota, re na le dipelo tse di tlhatswitsweng le tlhwaafalo ya boammaaruri ka go direla ba bangwe dilo tse di molemo.


Tlhomang matlho a lona mo go Jesu, moeteledipele le moruti wa rona. O ne a ineela go swa loso lo lo tlhabisang ditlhong mo mokgorong ka ntlha ya boitumelo jo a neng a itse fa bo mo letetse kwa morago; mme jaanong o nna mo lefelong la tlotlo gaufi le setilo sa bogosi sa Modimo.


Mme le gone, ga lo ise lo ke lo kgaratlhisanye le sebe le thaelo go fitlhelela lo fufula marothodi a madi.


O tshotse morwalo wa maleo a rona ka mmele wa gagwe fa a a swa mo mokgorong, gore re tle re fetse le sebe mme re tshele botshelo jo bo siameng go tloga gompieno. Gonne dintho tsa gagwe di fodisitse tsa rona!


Keresete le ene o ile a boga. O swetse dibe tsa rona rotlhe baleofi gangwe fela, le fa ene a ne a sena sebe, gore a tle a re ise gae kwa Modimong re babalesegile. Mme le fa mmele wa gagwe o ne wa a swa, mowa wa gagwe o ne wa tswelela wa tshela,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan