Bafilipi 2:6 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha6 yo o rileng le fa e ne e le Modimo, a se ka a batla ditshwanelo tsa gagwe jaaka Modimo. Faic an caibideilSetswana 19706 yo e rileng a le mo tshwanong ya Modimo, a se ka a kaya go tshwana le Modimo jaaka thopo, Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)6 Eo erileñ ka a le mo cuanoñ ea Morimo, a kaea ha e si bogoru go na go cuana le Morimo; Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo6 yo e rileng a le mo tshwanong ya Modimo, a se ka a kaya fa go lekana le Modimo e le se se ka huparelwang, Faic an caibideil |
Go boammaaruri tota gore go tshelela Modimo ga go motlhofo. Mme karabo e mo go Keresete, yo o tsileng mo lefatsheng a le mo setshwanong sa motho, yo o supegileng a sena selabe a bile a itshekile mo Moweng wa gagwe, yo o diretsweng ke baengele, a rerwa mo dichabeng, a amogelwa ke batho gongwe le gongwe mme a amogelwa gape mo kgalalelong ya gagwe kwa legodimong.
Morwa Modimo o galalela ka kgalalelo ya Modimo, mme gotlhe mo Morwa Modimo a leng gone ebile a go dira, go mo supa fa e le Modimo tota. O tshegeditse lobopo ka nonofo ya gagwe e kgolo ya taolo. Ke ene yo o suleng go re ntlafatsa le go phimola dibe tsa rona tsotlhe tse di neng di kwadilwe, mme morago ga moo a nna fa fatshe ka tlotlo e kgolo fa lotlhakoreng lwa Modimo o mogolo wa legodimo.