Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:30 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

30 gonne o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo diphatseng ka ntlha ya tiro ya ga Keresete mme o batlile go swa fa a santse a leka go ntirela dilo tse lo sa kakeng lwa di dira ka go bo lo ne lo le kgakala le nna.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

30 Gonne o ne a le gaufi le go swa ka ntlha ya tiro ya ga Keresete, ka a se ka a rekegela botshelo jwa gagwe gore a ntirele mo lona lo tlhaetseng go ntirela teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

30 Gone o la a le gauhe le go shua ka ntla ea tiho ea ga Keresete, botselo yoa gague a sa bo re sepe, gore a rihele thetelelo ea tihelo ea lona go ’na.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

30 gonne o ne a nna gaufi le go swa ka ntlha ya tiro ya ga Keresete, a tlhokomologa botshelo jwa gagwe, gore a ntirele se se tlhokafetseng mo go ntireleng ga lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:30
15 Iomraidhean Croise  

Mme botshelo ga se sepe fa ke sa bo dirise go dira tiro e ke e neetsweng ke Morena Jesu, tiro ya go bolelela ba bangwe Mafoko a a Molemo kaga lorato le kutlwelo botlhoko e kgolo ya Modimo.


Tota ba ne ba nntshetsa matshelo a bone setlhabelo; mme ga se nna fela ke le nosi yo ke ba lebogang: diphuthego tsotlhe tsa Badichaba le tsone di a ba leboga.


Gonne mebele ya rona ya selefatshe, e re nang nayo gompieno e e swang, e tlaa tshwanelwa ke go fetolelwa mo mebeleng ya selegodimo e e se ka keng ya a swa mme e tlaa tshela ka bosakhutleng.


Fa Timotheo a tla, dirang gore a nne ka phuthologo, gonne o dira tiro ya Morena jaaka nna.


Ke itumela thata gore Setefanese, Foretunalo, le Akaiko ba gorogile fano ba etile. Ba dirile thuso e lona lo sa kgoneng go e dira.


Ke itumelela go lo inaya le gotlhe mo ke nang nago go nna dijo tsa semowa, le fa go lebega ekete fa ke lo rata thata lona lo nthata go le gonnye.


Ka ntlha ya go rera ga rona, re lebagane le loso, mme go feletse ele botshelo jwa lona jo bosakhutleng.


Mme fa madi a me a botshelo, go bua jalo ke raya gore a tshwanetse go tshelwa mo tumelong ya lona e ke e neelang Modimo e le setlhabelo, mo go raya gore fa ke tshwanetse go swa ka ntlha ya lona, le gone ke tlaa nna ke itumela, mme ke tlaa tlhakanela boitumelo jwa me le mongwe le mongwe wa lona.


Mme ka boammaaruri o ne a lwala; tota le gone o batlile go swa. Mme Modimo o ne wa mo tlhomogela pelo mmogo le nna, wa se ka wa letla gore ke nne le bohutsana jo, mo godimo ga dilo tsotlhe.


Ke itumela thata jang ebile ke galaletsa Morena jang ka go bo lo nthusa gape. Ke a itse gore ga lo bolo go tlhwaafalela go romela se lo ka se kgonang, mme ka lobakanyana lo ne lo se na ka fa lo ka dirang ka teng.


Ka lobaka lo ke na le tsotlhe tse ke di tlhokang, go feta tse ke di tlhokang! Ke na le mo go ntekanyeng ka dimpho tse lo di nthomeletseng ka Epaferodito fa a tla. Ke setlhabelo se se lonko lo monate se se itumedisang Modimo thata.


Mme tota ke ne ke ratile go mo tshegetsa kwano go nna fa ke santse ke le mo dikeetaneng ka ntlha ya go rera Mafoko a a Molemo, mme o ne o tlaa bo o ne o ntse o nthusa ka ene,


Ba mo fentse ka madi a Kwana, le ka bosupi jwa bone; gonne ga ba a ka ba rata matshelo a bone mme ba a itatola ka ntlha ya gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan