Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:3 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Lo seka lwa nna pelotshetlha; lo seka lwa dira ditiro tse di molemo gore lo tlotlomadiwe. Ikokobetseng, lo tseye ba bangwe jaaka ekete ba botoka mo go lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

3 Se direng sepe ka boithatelo, le fa e le ka tlotlo ya boithamako, mme ka boikokobetso yo mongwe a kaye yo mongwe yo mogolo mo go ene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Si riheñ sepe ka khañ, khotsa ka tlotlo ea boithamako; a e ne ka bonolo yoa pelu, a moñue a kaee eo moñue molemo bogolu go ikaea.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Lo se dire sepe ka go re lo itira lekoko, le fa e le ka go ipelafatsa fela, fa e se go re, ka boikokobetso jwa pelo, mongwe le mongwe a kaya yo mongwe fa a mo gaisa ka molemo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:3
24 Iomraidhean Croise  

Ke a lo bolelela, moleofi yo, e seng Mofarasai, o ne a boela gae a itshwaretswe! Gonne baikgantshi ba tlaa ngotlafadiwa mme ba ba ingotlang ba tlaa godisiwa.”


Ratang ka lorato lwa sekaulengwe lo bo lo itumelelane mo go tlotlaneng.


Mme o tlaa otlhaya setlhogo ba ba tlhabantshang boammaaruri jwa Modimo ba tsamaya mo ditseleng tse di bosula, bogale jwa Modimo bo tlaa ba wela godimo.


Gonne ke mmotlana mo baaposetoloing botlhe, ebile ke ne ke sa tshwanela go bidiwa moaposetoloi gotlhelele ka ntlha ya ka fa ke neng ke bogisa phuthego ya Modimo ka teng.


Gonne lo santse lo le Bakeresete ba ba botlana, ba lo laolwang ke dikeletso tsa lona; e seng tsa Modimo. Fa lo huhegelana mme lo ikaba ka ditlhopha tse di omanang, a se ga se supe gore lo sa le bananyana, lo batla tsela e e leng ya lona? Le fa go ntse jalo, lo dira jaaka batho ba eseng ba Morena gotlhelele.


Gonne ke boifa gore fa ke lo etela ga nke ke rate se ke se fitlhelang, mme jalo ga lo kitla lo rata mokgwa o ke tlaa dirang ka one. Ke boifa gore ke tlaa fitlhela lo omana, lo fufegelelana, lo gakalelana, lo ikgogomosa lo buana leswe, lo sebana lo tletse mabela le dikgaogano.


Mme fa mo boemong jwa gore lo supe kgolagano ya lorato mo go lona, malatsi otlhe lo buana bosula lo rumolana, itlhokomeleng! Itiseng mo go koafatsaneng.


Mme ga re na go tlhokana le go ipatlela tlotlo le go itsege mo go gogelang kwa lefufeng le mo go tsholaneng ka dipelo.


Nnang boikokobetso le bonolo. Nnang pelotelele yo mongwe mo go yo mongwe, lo leke go iphapaanya ka lorato le diphoso tse lo ka di diralanang.


Tlotlang Keresete ka go ikobelana.


Mo go sengwe le sengwe se lo se dirang, kgaoganang le go ngongorega le go ganetsanya,


E re ka lo tlhophilwe ke Modimo o o lo neileng mofuta o wa botshelo jo bosha, gape le ka ntlha ya lorato lwa one lo logolo le ka go lo tlhobaelela, lo dire kutlwelo-botlhoko le lorato le bopelonomi mo go ba bangwe. Se tshwenyegeng kaga go dira mogopolo o o siameng mo go bone mme nnang lo ipaakanyeditse go boga ka tidimalo le ka bopelotelele.


mme jaanong ke nako ya go apola le go latlha diaparo tse di bodileng tse tsa kgakalo, kilo, thogakano, le puo e e leswe.


Le fa e le mang yo o buang sengwe se sele se se farologanyeng le se, o a ikgantsha ebile o seeleele. O tila se mafoko a ga Keresete a se rayang le dikganetsanyo tse di felelang mo mafufeng le mo bosilong, tse di isang fela mo go bidiweng ka maina a e seng one, dipateletso le dipelaelo tse di bosula.


Mme jaanong se ke lefoko la lona lotlhe: Lo tshwanetse go nna jaaka lolwapa lo lo itumelang; lo tletse kutlwelo botlhoko mo go ba bangwe, lo ratana ka dipelo tse di bonolo le dikakanyo tse di kokobetseng.


Lona makawana, lo nne kutlo mo go ba bagolwane. Mme lotlhe lo direlane ka mewa e e kokobetseng, gonne Modimo o naya ba ba ikokobetsang masego a a faphegileng, mme o tlhabana le ba ba ikgogomosang.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan