Bafilipi 2:29 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha29 Mo amogeleng mo Moreneng ka boitumelo jo bogolo, mme lo supe gore lo itumeletse go tla ga gagwe, Faic an caibideilSetswana 197029 Jaanong mo amogeleng mo Moreneng ka boitumelo jotlhe; tlotlang ba ba ntseng jalo. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)29 Ki gona mo culeñ mo Moreneñ ka boitumelo yotle, mi kaeañ eo ontseñ yalo segolu; Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo29 Ke gone, mo amogeleng mo Moreneng ka boitumelo jotlhe; lo tlotle yo o ntseng jalo; Faic an caibideil |
Le gone mongwe o tlaa tsamaya jang a ya go ba bolelela fa mongwe a sa mo rome? Ke sone se Dikwalo di buang kaga sone fa di re, “Ana go go ntle jang dinao tsa ba ba rerang Mafoko a kagiso le Modimo, ba bo ba lere mafoko a a itumedisang a dilo tse di molemo.” Ka mafoko a mangwe ke gore, go amogelesega thata jang ba ba tlang ba rera Mafoko a Modimo a a Molemo!
Ikobeleng baeteledipele ba lona ba semowa lo bo lo ineele go dira se ba se buang. Gonne tiro ya bone ke go tlhokomela mewa ya lona, mme Modimo o tlaa ba atlhola ka fa ba dirang tiro e ka teng. Dirang gore ba bolelele Morena ka lona ba itumetse mme e seng ka bohutsana, gonne le lona lo tlaa boga kaga dilo tseo.
E tlaa re ke tsena koo ke tlaa go bolelela dingwe tsa dilo tse a di dirang le ka dilo tse di sa siamang tse a buang kaga me le ka puo e e tlhapatsang. Ga a gane fela go amogela batsamaisi ba Lefoko la Modimo, mme o raya ba bangwe a re ba seka ba ba amogela, mme fa ba dira jalo o leka go ba kgaola mo phuthegong.