Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:28 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

28 Jalo ke rata thata go mmusetsa gape kwa go lona, gonne ke itse ka fa lo tlaa itumelang ka gone go mmona, mme seo se tlaa intumedisa se bo se fokotsa mahutsana ame.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

28 Ke gona ka moo ke mo romileng ka potlako gore e re lo mmona, lo boe lo itumele, le nna ke fokotsegelwe ke bohutsana.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

28 Ki gona ki akohileñ ka mo roma ka bonako, gore ere lo ba lo mona, lo itumele, le gore bohutsana yoa me bo ñotlahale.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

28 Ke gone ke potlakileng ka mo roma bogolo, gore e tle e re lo mmona, lo itumele, le gore bohutsana jwa me bo ngotlege.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:28
10 Iomraidhean Croise  

Gompieno jaana lo futsafetse, mme ke tlaa lo bona gape, mme lo tlaa itumela, mme ga gona ope yo o ka lo tseelang boitumelo joo.


ba utlwa botlhoko go feta ka gore o ne a re ga a kitla a tlhola a tla gape. Hong ba tsamaya nae go ya kwa sekepeng.


Ke gone ka moo ke kwadileng jaaka ke ne ka kwala mo lokwalong lwa bofelo, gore lo tle lo tlhamalatse dilo pele ga ke tla. Mme fa ke tla, ga ke na go utlwisiwa botlhoko ke ba ba tshwanetseng go intumedisa thata. Ke ne ka tlhomamisa gore boitumelo jwa lona ke selo se le sengwe fela le jwa me gore ga lo kitla lo itumela fa e se ke tla ka boitumelo.


Mo amogeleng mo Moreneng ka boitumelo jo bogolo, mme lo supe gore lo itumeletse go tla ga gagwe,


Ke tlhwaafaletse thata go go bona gape. Kana ke ka itumela thatajang, gonne ke gakologelwa selelo sa gago fa re kgaogana.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan