Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:27 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

27 Mme ka boammaaruri o ne a lwala; tota le gone o batlile go swa. Mme Modimo o ne wa mo tlhomogela pelo mmogo le nna, wa se ka wa letla gore ke nne le bohutsana jo, mo godimo ga dilo tsotlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

27 O ne a lwala tota, e bile a le gaufi le go swa. Mme Modimo o mo utlwetse botlhoko, mme e seng ene fela, le nna o nkutlwetse botlhoko gore mahutsana a me a se ka a tla a tlhomaganye.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

27 Mi rure o la a bobola a riha gauhe le loshu; mi Morimo o mo utluetse botluku; mi esiñ ena esi, mi e le le ’na, gore ki si ne bohutsana mo bohutsaneñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

27 Gonne ruri o ne a lwala, a ba a nna gaufi le go swa; mme Modimo wa mo utlwela botlhoko; mme e seng ene esi, e leng le nna gore ke se ka ka bona bohutsana bo tlhatlaganye le bohutsana.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:27
23 Iomraidhean Croise  

Ka nako eo o ne a lwala mme a swa. Ditsala tsa gagwe tsa mmaakanyetsa phitlho mme tsa mo robatsa mo ntlwaneng e e kwa godimo.


Mme gakologelwang se, dikeletso tse di bosula tse di tlang mo botshelong jwa lona ga se sepe se sesha le se se pharologanyo. Ba le bantsi ba ne ba lebagana le mathata a a ntseng fela jalo pele ga lona. Mme ga go na thaelo epe e e sa kganelesegeng. Lo ka tshepa Modimo go kganela thaelo gore e se ka ya nna le thata mo lo sa ka keng lwa e fenya, gonne Morena o solofeditse se, mme o tlaa diragatsa se a se buileng. O tlaa lo supegetsa ka fa lo ka falolang nonofo ya thaelo ka gone gore lo kgone go itshoka kgatlhanong le yone.


Jaanong ke nako ya go mo itshwarela le go mo gomotsa. Fa go sa nne jalo o ka galakega thata a bo a ngodiega mo a se ka keng a fola.


Jaanong ke mmusetsa gae gape, gonne o ntse a lo tlhwaafaletse lotlhe ebile a hutsahetse thata ka ntlha ya gore lo utlwile fa a lwala.


Jalo ke rata thata go mmusetsa gape kwa go lona, gonne ke itse ka fa lo tlaa itumelang ka gone go mmona, mme seo se tlaa intumedisa se bo se fokotsa mahutsana ame.


gonne o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo diphatseng ka ntlha ya tiro ya ga Keresete mme o batlile go swa fa a santse a leka go ntirela dilo tse lo sa kakeng lwa di dira ka go bo lo ne lo le kgakala le nna.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan