Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:25 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

25 Mme ka lobakanyana ka gopola gore ke tshwanetse go busetsa Epaforodito gape kwa go lona. Lo mo rometse go nthusa mo go tse ke di tlhokang; nna le ene re ntse re le bakaulengwe tota, re dira re bile re le batlhabani mmogo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

25 Le gona ke fitlhetse e le tshwanelo go busetsa Epafrodito kwa go lona, mokaulengwe le mothusi wa me le motlhabani-ka-nna, yo e leng morongwi wa lona le montlamedi ka tse ke di batlang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

25 Mi ki kaeile ha e le cuanelo go lo romela Epaferodito, mokauleñue oa me, le moriheri le ’na, le motlabani le ’na, moroñoi oa lona, le moriheribotloko yoa me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

25 Mme ka gopola gore ke tshwanetse go roma kwa go lona Epaferodito wa mokaulengwe, le modiri ka nna, le motlhabani ka nna. Yo e leng morongwa wa lona, le yo o ntirelang mo go tlhokeng ga me;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:25
19 Iomraidhean Croise  

Go boammaaruri thata jang gore motlhanka ga a mogolo go mong wa gagwe. Le fa e le morongwa ga a mogolo go motho yo o mo romang.


Fela jaaka o nthomile mo lefatsheng, le nna ke ba roma mo lefatsheng.


Ntumedisetsang Peresila le Akhwila. Ba ntse ba le badiri ka nna mo ditirong tsa ga Keresete Jesu.


le Urebano, modiri ka rona, le Setakese yo o rategang.


Re badiri mmogo le Modimo. Lona lo tshimo ya Modimo, ebile; lo kago ya Modimo e seng ya rona.


Mme Tito, Mokaulengwe wa me yo o rategang, o ne a seyo go nkgatlhantsha, mme ka se ka ka nna le boiketlo mo pelong, ke hakgamatse gore o kae le gore o diragaletswe ke eng. Mme ka laela ka tlhamalalela kwa Masedonia go leka go mmona.


Jaanong ke mmusetsa gae gape, gonne o ntse a lo tlhwaafaletse lotlhe ebile a hutsahetse thata ka ntlha ya gore lo utlwile fa a lwala.


Ka lobaka lo ke na le tsotlhe tse ke di tlhokang, go feta tse ke di tlhokang! Ke na le mo go ntekanyeng ka dimpho tse lo di nthomeletseng ka Epaferodito fa a tla. Ke setlhabelo se se lonko lo monate se se itumedisang Modimo thata.


Mme ke a go kopa, tsala ya me ya boammaaruri go thusa basadi ba, gonne ba dirile le nna mo go boleleleng bangwe Mafoko a a Molemo, ba dirile le Klement, le botlhe badiri ka nna botlhe ba maina a bone a kwadilweng mo Lokwalong lwa Botshelo.


Epafarase modiri ka rona yo o rategang thata ke ene yo o neng a lo leretse Mafoko a a Molemo a. Ke motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jesu Keresete, go re thusa mo boemong jwa lona.


Le Jesu yo o bidiwang Juseto o a lo dumedisa. Ke bone fela Bakeresete ba Sejuta ba ba dirang le nna kwano, mme ba ntse ba le kgomotso thata jang mo go nna!


Ka roma Timotheo, mokaulengwe wa rona le modiri ka rona, morongwa wa Modimo, go lo letela go nonotsha tumelo ya lona, go lo kgothatsa le go lo tshegetsa e se re kgotsa lwa nyema moko ka ntlha ya mathata a lo neng lo feta mo go one. (Mme legale lo itse gore matshwenyego a a ntsengjalo ke bontlha-bongwe jwa leano la Modimo mo go rona Bakeresete.


Mareko, Arisetareko, Demase le Luke, badiri ka nna le bone ba a lo dumedisa.


Jalo he, bakaulengwe ba Modimo o lo itlhaoletseng, lona ba lo tlhophetsweng legodimo, ke batla gore jaanong lo akanye ka Jesu yo, yo e leng Morongwa wa Modimo ebile e le Moperesiti yo Mogolo wa tumelo ya rona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan