Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:22 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

22 Mme lo itse Timotheo. O ntse fela jaaka morwaake mo go nthuseng go rera Mafoko a a Molemo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

22 Mme go ikanyega ga gagwe lo a go itse, ka a dirile tiro ya Efangele le nna jaaka ngwana a tle a dire le rraagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

22 Mi loa itse kaha o la a lekoa ka gona, ha a la a ’ntihela mo evangelioñ, yaka ñuana le rague.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

22 Mme ene, lo itse go lekega ga gagwe, gore jaaka ngwana a tle a direle rraagwe, le ene o dirile le nna jalo mo go tswedisetseng Mafoko a a Molemo kwa pele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:22
20 Iomraidhean Croise  

Timotheo o ne a kaiwa fa a le motho yo o siameng mo Lusetera le mo Ikonio,


Mme bopelotelele bo tlhogisa boitshwaro jo bo nonofileng mo go rona, ebile bo re thusa go ikanya Modimo thata mo nakong nngwe le nngwe fa re bo dirisa go fitlhelela lwa bofelo tsholofelo ya rona le tumelo di nonofa di bo di dira ka boiketlo le kelotlhoko di sa reketle.


Fa Timotheo a tla, dirang gore a nne ka phuthologo, gonne o dira tiro ya Morena jaaka nna.


Ke gone ka moo re rometseng Timotheo kwa go lona, go lo thusa go dira se. Gonne ke mongwe wa ba ke ba gapetseng mo go Keresete, ngwana yo o rategang yo o ikanyegang mo Moreneng. O tlaa lo gakolola kaga se ke se rutang mo diphuthegong tsotlhe tse ke tsamayang mo go tsone.


Ke lo kwaletse jaaka ke ne ka dira gore ke tle ke bone go re go ka lo tsaya lobaka lo lo kae go nkutlwa.


Mme ke santse ke lo romelela mokaulengwe yo mongwe, yo re mo itseng go tswa mo maitemogelong gore ke Mokeresete yo o tsepameng. O na le kgatlhego, fa a lebelela loeto lo, ka gore ke mmoleletse gotlhe kaga tlhwaafalo ya lona ya go thusa.


Tswee-tswee supang lorato lwa lona mo go nna mo banneng ba, mme lo ba direle gotlhe mo ke ikgantshitseng ka gone gore lo tlaa go dira.


Ga ke lo neye taolo, ga ke re lo e dire, mme bangwe ba a e eletsa. Se ke tsela e le nngwe go supa gore lorato lwa lona ke lwa boammaaruri, gore lo feta mafoko fela.


Mme ke rata gore lo itse se, bakaulengwe ba ba rategang: sengwe le sengwe se se ntiragaletseng kwano e ne e le botswelelo pele jo bogolo mo go boleleng Mafoko a a Molemo kaga Keresete.


ba rera ka ntlha ya gore ba a nthata, gonne ba itse gore Modimo o ntlisitse kwano go ntirisa go femela boammaaruri mme bangwe ba rerela go ntira gore ke fufege, ba gopola gore go fenya ga bone go tlaa ntsifatsa bohutsana jwa me mo kgolegelong!


Ka ntlha ya thuso ya lona e ntle mo go itsiseng Mafoko a a Molemo kaga Keresete go tloga nako e lo neng lo a utlwa ka yone go fitlha gompieno.


Go ntshiametse jang go ikutlwa jaaka ke ikutlwa kaga lona, gonne lo na le bonno jo bo faphegileng mo pelong ya me. Re abelanye masego a Modimo rotlhe, fa ke le mo kgolegelong le fa ke dule, ke femela boammaaruri ebile ke bolelela ba bangwe kaga Keresete.


ga go ope yo o tshwanang le Timotheo yo o nang le kgatlhego e kgolo mo go lona;


Jaanong Timotheo, morwaaka, se ke taolo ya me mo go wena: tlhabana sentle mo dintweng tsa Morena, fela jaaka Morena a re boleletse ka baporofiti ba gagwe gore o tlaa dira.


Lo ya kwa go! Timotheo. Timotheo o ntse jaaka morwaake mo dilong tsa Modimo. A Modimo Rraa rona le Jesu Keresete Morena wa rona a go bontshe tshiamo ya gagwe le kutlwelobotlhoko mme a go neye kagiso e kgolo ya pelo le mogopolo.


Fa o tlhalosetsa ba bangwe selo se, o tlaa bo o dira tiro ya gago jaaka moruti yo o itekanetseng yo o otlilweng ka tumelo le ka thuto ya boammaaruri e o e setseng morago.


Lo ya kwa go: Timotheo, morwaake yo o rategang. A Modimo Rara le Keresete Jesu Morena wa rona o go nosetse bopelonomi jwa one, kutlwelo-botlhoko le kagiso.


Mme wena o nkitse sentle gore ga ke motho yo o ntseng jalo. O itse se ke se dumelang le ka fa ke tshelang ka teng le se ke se batlang. O itse tumelo ya me mo go Keresete le ka fa ke bogileng ka teng. O itse lorato lwa me mo go wena, bobelotelele jwa me.


Lo ya kwa go: Tito, yo e leng morwaake tota mo ditirong tsa Morena. A Modimo Rara le Keresete Jesu Mmoloki wa rona O go nee masego a One le kagiso ya One.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan