Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:21 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

21 mongwe le mongwe o bonala a tshwenyega kaga dilo tse e leng tsa gagwe e seng tsa ga Jesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

21 ka gore botlhe ba ipatlela tsa bone, e seng tsa ga Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Gone botle ba batla tsa bona, esiñ lilo tsa ga Yesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 Gonne botlhe ba ipatlela dilo tsa bone, e seng dilo tsa ga Jesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:21
19 Iomraidhean Croise  

Hong Jesu a raya barutwa a re, “Fa motho le fa e le mang a rata go nna molatedi wa me, a a iitatole a tseye mokgoro wa gagwe a ntshale morago.


“Fa mongwe a batla go nna molatedi wa me o tshwanetse go nthata bogolo go gaisa rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana ba gagwe, bomonnawe kgotsa bokgaitsadie-ee, go gaisa le jone tota botshelo jwa gagwe, kwa ntle ga moo ga a ka ke a nna morutwa wa me.


Mme Paulo le ba o neng a na nabo ba tloga mo Pafosa ka sekepe ba ya Perega, wa Pamfilia. Mme Johane a ba ngwegela a boela Jerusalema.


Mme Paulo ene o ne a sa batle mogopolo oo gotlhelele, gonne Johane o ne a ba ngwegetse kwa Pamfilia.


Se ikakanyetse fela ka bo wena. Leka go akanyetsa motho yo mongwe le ene, le se se mo siametseng.


Seo ke leano le ke le latelang le nna. Ke leka go itumedisa mongwe le mongwe mo go sengwe le sengwe se ke se dirang, e seng go dira se ke se ratang kgotsa se se ntshwanetseng, fa e se se se siametseng ba bangwe, gore ba tle ba bolokwe.


ga lo ikgodise kgotsa ga lo ikgapele ebile ga lo makgakga. Lorato ga lo batle tsela ya lone fela. Ga lo rumolesege kgotsa go amega. Ga lo tshole ka pelo ebile ga lo nke lo tlhokomela le fa ba bangwe ba lo direla phoso.


Lo ka tlhomamisa gore fa re ntse re bogela Keresete, o tlaa nna a re supegetsa kgomotso ya gagwe le kgothatso.


Se akanyeng fela kaga dilo tse e leng tsa lona mme nnang le kgatlhego le mo go ba bangwe, le mo go tse ba di dirang.


Jaaka o itse, Bakeresete botlhe ba ba tsileng mono ba tswa kwa Asia ba mphatlalaletse; le e leng Fugalo le Hegemogenese tota ba tsamaile.


Gonne batho ba tlaa nna baithati le barati ba madi a bone; ba tlaa nna maikgantsho le mabela, ba sotla Modimo, ba sa utlwe batsadi ba bone, ba sa ba tlotle, ebile ba le bosula gotlhelele.


gonne Demase o ntlogetse. O ratile dilo tse dintle tsa lefatshe leno o ile Theselonika. Keresenese o ile Galalea, Tito o ile Dalamatia.


Erile lwa ntlha fa ke tlisiwa fa pele ga moatlhodi go ne go sena ope fano go nthusa, Mongwe le mongwe o ne a siile. Ke solofela gore ga ba kitla ba bewa molato kaga gone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan