Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:20 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

20 ga go ope yo o tshwanang le Timotheo yo o nang le kgatlhego e kgolo mo go lona;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

20 gonne ga ke na ope yo o tshwanang nae ka maikutlo, yo o ka lo disang ka nnete,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

20 Gone ga ki na ope eo o cuanañ nae, eo o tla tlamelañ popego ea lona ka tsiamo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

20 Gonne ga ke na ope yo o pelo e tshwanang le ya gagwe, yo o tlaa tlhokomelang ka tlhomano ka fa lo tshelang ka teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:20
16 Iomraidhean Croise  

Motho yo o thapilweng o sia ka ntlha ya gore o thapilwe, le ka ntlha ya gore ga a kgathalele dinku thata.


E ne e se gore ka go bua jalo o gopotse go tlhokomela bahumanegi, gonne o ne a le mmei wa madi a barutwa mme o ne a tle a a utswe a a dirise mo ditirong tsa gagwe!


A Modimo o o nayang bopelotelele, boiketlo, le kgothatso o lo thuse gore lo tshedisanye ka kutlwano, mongwe le mongwe mo go yo mongwe ka mokgwa wa ga Keresete.


Fa Timotheo a tla, dirang gore a nne ka phuthologo, gonne o dira tiro ya Morena jaaka nna.


Jalo he, dirang gore ke nne le boitumelo jo bogolo ka go ratana le go dumalana ka dipelo tsotlhe, lo dira mmogo ka pelo e le nngwe fela le mogopolo o le mongwe fela le ka maikaelelo a le mangwe fela.


Mme lo itse Timotheo. O ntse fela jaaka morwaake mo go nthuseng go rera Mafoko a a Molemo.


Le Jesu yo o bidiwang Juseto o a lo dumedisa. Ke bone fela Bakeresete ba Sejuta ba ba dirang le nna kwano, mme ba ntse ba le kgomotso thata jang mo go nna!


Lo ya kwa go! Timotheo. Timotheo o ntse jaaka morwaake mo dilong tsa Modimo. A Modimo Rraa rona le Jesu Keresete Morena wa rona a go bontshe tshiamo ya gagwe le kutlwelobotlhoko mme a go neye kagiso e kgolo ya pelo le mogopolo.


Fa o tlhalosetsa ba bangwe selo se, o tlaa bo o dira tiro ya gago jaaka moruti yo o itekanetseng yo o otlilweng ka tumelo le ka thuto ya boammaaruri e o e setseng morago.


Ke itse gore o ikanya Morena go le kae, fela jaaka mmago Yunise le mmago-mogolo Loise ba mo ikanya; ebile ke tlhomamisa gore o santse o mo ikanya thata fela jaaka gale.


Mme wena o nkitse sentle gore ga ke motho yo o ntseng jalo. O itse se ke se dumelang le ka fa ke tshelang ka teng le se ke se batlang. O itse tumelo ya me mo go Keresete le ka fa ke bogileng ka teng. O itse lorato lwa me mo go wena, bobelotelele jwa me.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan