Bafilipi 2:2 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha2 Jalo he, dirang gore ke nne le boitumelo jo bogolo ka go ratana le go dumalana ka dipelo tsotlhe, lo dira mmogo ka pelo e le nngwe fela le mogopolo o le mongwe fela le ka maikaelelo a le mangwe fela. Faic an caibideilSetswana 19702 tlatsang boitumelo jwa me ka go nna le boitlhômô bo le bongwe fela le lorato lo le longwe fela le bongwefela jwa pelo le kgopolo e le nngwe fela. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)2 Yalo tlatsañ boitumelo yoa me, gore lo ne le maitlomo a a cuanañ, le go na le lorato lo loñue hela, le ba moea o moñue hela, mo kutluoñ e ñue hela. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo2 dirafatsang boitumelo jwa me, jwa gore lo nne kgopolo e le nngwe fela, lo tshwane mo loratong, lo le mo tumalanong e le nngwe fela, lo le pelo e le nngwe fela. Faic an caibideil |
Mme bakaulengwe ba ba tlotlegang, ke a lo kopa mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete go khutlisa dikganetsano mo gareng ga lona. A go nne le kutlwano e e siameng gore go se ka ga nna le dikgaogano mo phuthegong. Ke a lo kopa gore lo nne mogopolo mongwe fela, lo kopane mo kgopolong le mo boikaelelong.
Ke gone ka moo ke kwadileng jaaka ke ne ka kwala mo lokwalong lwa bofelo, gore lo tle lo tlhamalatse dilo pele ga ke tla. Mme fa ke tla, ga ke na go utlwisiwa botlhoko ke ba ba tshwanetseng go intumedisa thata. Ke ne ka tlhomamisa gore boitumelo jwa lona ke selo se le sengwe fela le jwa me gore ga lo kitla lo itumela fa e se ke tla ka boitumelo.
E ne e se go bonala ga gagwe fela mo go neng ga re itumedisa, mme le mafoko a o neng a a tlisa ka lobaka lo lo ntle lo a neng a na le lona ka lone. Fa a mpolelela ka fa lo neng lo ntebeletse ka teng, le ka fa lo neng lo hutsahetse ka teng ka ga se se neng se diragetse, le kaga boammaaruri jwa lona le lorato mo go nna, jalo, ka itumela thata!