Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:19 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

19 Fa Modimo o rata, ke tlaa romela Timotheo go ya go lo bona ka bonako. Mme fa a bowa o ka intumedisa ka go mpolelela gotlhe kaga lona le gore lo dira jang;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

19 Ke solofela mo go Jesu Morena gore ke tla akofa ke lo romela Timotheo gore le nna ke namatshege mo moweng, fa ke sena go utlwa ka fa lo phelang ka teng;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

19 Mi kia shuluhela mo go Yesu Morena, go akoha ki lo romela Timoteo, gore le ’na ki ne le khomoco e e molemo, mogañ ki tlaloganyañ kaha lontseñ ka gona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

19 Ke solofetse mo go Morena Jesu fa ke tlaa akofa ke roma Timotheo kwa go lona, gore le nna ke gomotsege, mogang ke tlhaloganyang ka fa lo ntseng ka teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:19
22 Iomraidhean Croise  

mme leina la gagwe le tlaa nna tsholofelo ya lefatshe lotlhe.”


Paulo le Silase ba simolola pele ba ya kwa Derebe ba bo ba ya kwa Lusetera kwa ba neng ba kopana le Timotheo teng, modumedi yo mmaagwe e neng e le Mokeresete wa Mojuta, mme rraagwe e le Mogerika.


Le moporofiti Isaia o rile, “go tlaa nna morua-boswa mo lotsong lwa ga Jesu, mme o tlaa nna Kgosi ya Badichaba; ba tlaa solofela mo go ene a le nosi.”


Timotheo modiri ka nna, le Lukio le Jasone le Sosipatere, ba losika lwa me, ba lo eleletsa matlhogonolo.


Ke gone ka moo re rometseng Timotheo kwa go lona, go lo thusa go dira se. Gonne ke mongwe wa ba ke ba gapetseng mo go Keresete, ngwana yo o rategang yo o ikanyegang mo Moreneng. O tlaa lo gakolola kaga se ke se rutang mo diphuthegong tsotlhe tse ke tsamayang mo go tsone.


Mme ka ntlha ya se Keresete o se dirileng, le lona lotlhe ba bangwe, ba lo utlwileng Mafoko a a Molemo a ka fa lo ka bolokwang ka teng, lwa ba lwa ikanya Keresete, lo ne lwa tshwaiwa ke Mowa O O Boitshepo gore lo ba ga Keresete, o e rileng bogologolo ra o solofediwa rotlhe rona Bakeresete.


Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo le Timotheo batlhanka ba ga Jesu Keresete. Ba kwalela: Badisa ba diputhego le batiakone le Bakeresete botlhe mo Filipi.


Gonne lo tshwanetse go itumela le kaga se, mme lo ipeleng le nna ka ntlha ya go nna le tshwanelo ya go lo swela.


Jalo ke rata thata go mmusetsa gape kwa go lona, gonne ke itse ka fa lo tlaa itumelang ka gone go mmona, mme seo se tlaa intumedisa se bo se fokotsa mahutsana ame.


Ka roma Timotheo, mokaulengwe wa rona le modiri ka rona, morongwa wa Modimo, go lo letela go nonotsha tumelo ya lona, go lo kgothatsa le go lo tshegetsa e se re kgotsa lwa nyema moko ka ntlha ya mathata a lo neng lo feta mo go one. (Mme legale lo itse gore matshwenyego a a ntsengjalo ke bontlha-bongwe jwa leano la Modimo mo go rona Bakeresete.


Jaaka ke boletse, erile ke retelelwa ke go itshoka, ka roma Timotheo go tla go bona gore a tumelo ya lona e santse e nonofile. Ke ne ke boifa gore kgotsa Satane o setse a lo raetse le gore tiro ya rona e setse e le lefela.


Bakaulengwe ba ba rategang, go leboga Modimo kaga lona ke selo fela se se siameng go dirwa, mme ke tiro ya rona mo Modimong, ka ntlha ya tsela ya boammaaruri e ntle ya ka fa tumelo ya lona e godileng ka teng, le ka ntlha ya go gola ga go ratana ga lona.


Ke ka moo ke bogang fano mo kgolegelong ebile ga go ntlhabise ditlhong, gonne ke itse yo ke mo ikanyang, ebile ke tlhomamisa gore o nonofile go tlhokomela tsotlhe tse ke di mo neileng go fitlhelela letsatsi la go bowa ga gagwe.


Se lo tshwanetseng go se bua ke se, “Fa Morena a rata, re tlaa tshela re bo re dira se kgotsa sele.”


Ka ntlha ya se, go ikanya ga lona go ka nna mo Modimong o o tsositseng Keresete mo baswing wa bo wa mo naya kgalalelo e kgolo. Jaanong tumelo ya lona le tshegofatso di ka nna mo go ene a le nosi.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan