Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:15 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

15 gore ope a se ka a lo bona molato. Lo tshwanetse go tshela lo le phepa, matshelo a a phepa jaaka bana ba Modimo mo lefatshing le le lefifi le le tletseng batho ba ba kgopo le logwadi. Phatsimang mo go bone lo le masedi a lefatshe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

15 gore lo nne lo se na molato, lo le bopeloephepa le bana ba Modimo ba ba sa nyatsegeng mo gare ga batho ba ba kgopo le tshokamo, ba lona lo phatsimang mo go bone jaaka dinaledi mo lefatsheng;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

15 Gore lo si ne le molatu, lo ne tsiamo, bana ba Morimo ba ba sa buelegeñ, mo gareñ ga losika loa cokamo, le loa khañ, lo lo phatsimañ mo go lona yaka maseri mo lehatsiñ;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

15 gore lo nne ba ba se nang molato, le ba ba bokgwabo, lo le bana ba Modimo ba ba se nang bogole mo gare ga losika lo lo kgopo le logwadi, ba lo bonalang mo go bone jaaka masedi mo lefatsheng;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:15
42 Iomraidhean Croise  

“Ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri. Nnang botlhale jaaka dinoga le bori jaaka maphoi.


Jesu a fetola a re, “Ao batho ke lona ba ba ditlhogo di thata ba ba senang tumelo! Ke tlaa nna le lona boleele bo le kae? Mo lereng kwano go nna.”


“Ka tsela eo lo tlaa bo lo dira jaaka bana ba boammaaruri ba Rraeno yo o kwa legodimong. Gonne o tlhabisetsa basiami le ba ba sa siamang letsatsi, a nesetse basiami le ba ba sa siamang pula ka go tshwana.


Mme lo tshwanetse lwa nna boikanyego, fela jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boikanyego.


Sakarea le Elisabetha e ne e le batho ba ba boifang Modimo, ba tlhokometse go utlwa melao yotlhe ya Modimo mo moweng le mo lokwalong.


“Ratang baba ba lona! Ba direleng tshiamo. Ba adimeng! Mme lo se ka lwa tshwenyega ka gore ga ba kitla ba duela. Hong tuelo ya lona kwa legodimong e tlaa nna kgolo thata, mme ruri lo tlaa dira jaaka bomorwa Modimo: Gonne o siametse ba ba sa lebogeng le ba ba bosula.


Johane o ne a phatsima sentle ka lobakanyana, mme go ne ga lo solegela molemo lwa itumela,


Mme Petere a rera thero e telele a bolela ka ga Jesu, a gatelela ka go kopa bareetsi ba gagwe botlhe fela go ipoloka mo boleong jwa chaba ya ga bone.


Bangwe ba lona ba tlaa fetola boammaaruri gore ba salwe morago.


Mme mongwe le mongwe o itse gore lo eme ka boikanyego le ka boammaaruri mo go intumedisang fela thata. Ke batla gore lo age lo le botlhale ka go itse bomolemo le go nna le poifo mo go se se bosula.


O tlaa lo tlhomamisa go ya bokhutlong gore lo tlhokisiwe boleo le molato ka letsatsi le o tlaa bowang ka lone.


Ke gone ka mo Morena o boileng a re, “Ba leseng; ikgaoganyeng le bone; lo se ka lwa ama dilo tsa bone tse di maswe (makgapha), mme ke tlaa lo amogela,


gore a tle a ineye phuthego ka sebele e le phuthego e e galalelang e e senang selabe kgotsa go sosobagana kgotsa bogole, e le boitshepo ebile e sena le fa e le phoso epe.


Gonne ke batla gore ka nako tsotlhe lo bone sentle pharologanyo fa gare ga molemo le bosula, le gore lo bo lo nne phepa ka fa teng, go se ope yo o ka lo nyatsang go tloga jaanong go fitlhelela Morena wa rona a tla.


Mme a go boammaruri? Ee, ke ne ke bogisa phuthego thata; mme ke rata go ikobela molao mongwe le mongwe wa Sejuta go fitlhelela kwa bofelong.


A Modimo wa kagiso ka sebele o lo ntlafatse gotlhelele; gape a mowa wa lona le pelo ya lona le mebele ya lona e nne e nonofile e sena molato go fitlhelela letsatsi leo le Morena wa rona Jesu Keresete a tlaa tlang ka lone gape.


Pele ga ba kopiwa go nna Batiakoni, ba tshwanetse go newa ditiro dingwe mo phuthegong e le go bona maitsholo (maitseo) a bone le nonofo, mme fa ba dira sentle, ke gone ba ka tlhophiwang go nna Batiakoni.


Gonne modisa wa phuthego (moruti) o tshwanetse ya bo e le motho yo botshelo jwa gagwe bo sa belaetseng. O tshwanetse go nna le mosadi a le mongwe fela, e le modiri yo o tlhaga, yo o dirisang tlhaloganyo yo o matsetseleko a bile a le ditiro di ntle. O tshwanetse go itumelela go amogela baeng mo lapeng la gagwe a bile a kgona go ruta Lefoko la Modimo sentle.


Jalo ke bona go le botoka gore batlholagadi ba basha ba, ba nyalwe gape ba nne le bana, ba tlhokomele malwapa a bone; mme ga go ope yo o ka ba rayang sepe.


Fa tota a leofile, ke gone o tshwanetseng go kgalemelwa fa pele ga phuthego yotlhe gore ope a seka a dira jaaka ene.


Se e tshwanetse go nna molao wa phuthego ya gago gore Bakeresete ba tle ba itse ba bo ba dire se se molemo.


Banna ba o ba tlhophang, ba tshwanetse ba bo ba itsege ka mekgwa e mentle; mongwe le mongwe o tshwanetse a bo a na le mosadi a le mongwe le bana ba bone ba tshwanetse go rata Morena le gone ga ba a tshwanela go itsege ka bosula kgotsa ka go sa reetseng batsadi ba bone.


le fa e le go utswa, mme ba tshwanetse go itshupa gore ba ikanyega ka botlalo. Ka go dira jaana, ba tlaa dira gore batho ba tle go dumela mo go Mmoloki le Modimo wa rona.


O tshwanetse go ruta bagaeno dilo tse wa bo wa ba kgothatsa go di dira, o ba laya fa go tlhokega jaaka mongwe yo o nang le tshwanelo nngwe le nngwe go dira jalo. Se dire gore le fa e le mang a gopole gore se o se buang ga se botlhokwa.


Jalo he, Jesu ke ene tota mofuta wa Moperesiti yo Mogolo yo re mo tlhokang; gonne o boitshepo ebile ga a na sepe sa boleo se a ka kaiwang ka sone, ga a ise a ke a leswafadiwe ke sebe, ga a na sepe sa boleo se a ka kaiwang ka sone, ga a ise a ke a leswafadiwe ke sebe, ga a a tladiwa leswe ke baleofi, ebile o neetswe bonno jwa tlotlego kwa legodimong.


Nnang kelotlhoko ka fa lo itshwarang ka teng mo go bangwe ka lona ba ba sa bolokwang; gonne le fa ba lo belaela ba bua kaga lona ba tlaa fetsa ba baka Modimo ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo fa Keresete a bowa.


Mme ga lo a nna jalo, gonne lo tlhophilwe ke Modimo ka bo One, lo baperesiti ba Kgosi, lo boitshepo ebile lo a galalela, lo ba Modimo tota, tse tsotlhe e le gore lo tle lo supegetse ba bangwe ka fa Modimo o lo biditseng ka teng go lo ntsha mo lefifing go tsena mo leseding la one le le ntle.


Ditsala tse di rategang, e re fa lo ntse lo lebeletse dilo tse go diragala le go tla ga gagwe, lekang thata go tshela lo sa leofe; lo bo lo nne kagiso mo go mongwe le mongwe gore a tle a lo itumelele motlhang a bowang.


A ko o akanye ka dipaka tsa lorato lwa gago lwa ntlha (gore go pharologanyo jang gompieno)! Mme o boele gape kwa go nna o dire jaaka pele; kgotsa e seng jalo ke tlaa tla mme ke tlose setlhomo sa lobone lwa gago mo mannong a sone mo gare ga diphuthego.


Tlhokomela se: ke tlaa pateletsa ba ba emeng nokeng maikaelelo a ga Satane, ntswa ba ipitsa ba me (mme e se bone, ba aka) go wela fa dinaong tsa gago gore ba tle ba itse fa ke go ratile.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan