Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:13 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 Gonne Modimo o a dira mo go lona, o lo thusa gore lo rate go o ikobela, ebile o lo thusa go dira se o se ratang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

13 gonne Modimo ke ona o o dirang mo go lona go rata le go dira ka ntlha ya natefelo ya ona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Gone Morimo ko ona o o rihañ mo go lona go rata le go riha, kaha nateheloñ ea ona ka gona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 gonne Modimo ke one o o dirang mo go lona go ikaelela le go dira, e le go re o dira go kgatlhega ga one.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:13
39 Iomraidhean Croise  

“Jalo se boifeng, lona motlhape o monnye gonne go naya Rraeno boitumelo jo bogolo go lo naya Bogosi.


“Kgalalelo e nne go Modimo kwa magodimong, le kagiso mo lefatsheng mo go botlhe ba ba mo itumedisang.”


Johane a fetola a re, “Modimo kwa legodimong o tlhoma tiro ya mongwe le mongwe.


Jaaka go kwadilwe mo Dikwalong, ‘Botlhe ba tlaa rutwa ke Modimo.’ Ba Rara o buang nabo, ba ba ithutang boammaaruri mo go ene, ba tlaa tla kwa go nna.


Mme a re, “Ke sone se ke neng ke se raya fa ke re ga go na ope yo o ka tlang kwa go nna fa e se Rara a mo lere kwa go nna.”


Mme Morena o ne a rotloetsa maiteko a gore Badichaba ba le bantsi ba nne badumedi.


Jaaka morongwa wa Modimo ke neela mongwe le mongwe wa lona tlhagiso ya Modimo: Ikanyegeng mo go kaeng seemo sa lona mo Modimong, lo lekanya letlotlo la lona gore Modimo o le lo neetse ka tumelo e e selekanyo se kae.


Jalo he, masego a Modimo ga a bonwe ka ntlha ya gore motho mongwe o ikaelela go nna nao kgotsa ka ntlha ya gore o dira thata gore a nne nao. A bonwa ke ba Modimo o ba tlhomogelang pelo.


Go na le ditsela di le dintsi tse Modimo o dirang ka tsone mo matshelong a rona, mme ke Modimo o le mongwe fela o o dirang tiro mo go rona rotlhe ba re leng ba one.


Mme se ke leng sone gompieno, ke ka ntlha ya gore Modimo o tshetse bopelonomi jo bogolo le tshegofatso mo go nna, e seng kwa ntle ga maduo: gonne ke dirile thata go gaisa baaposetoloi ba bangwe botlhe, le fa go ntse jalo e ne e sa dirwe ke nna, mme Modimo o dira mo go nna, go ntshegofatsa.


mme e seng ka ntlha ya gore re gopola re ka dira sengwe le sengwe se se sa feleng ka borona. Nonofo le phenyo ya rona e tswa fela mo Modimong.


Segolo jang ka ntlha ya se Keresete a se dirileng, re nnile dimpho tsa Modimo tse o di itulelang, mme ka ele bontlhabongwe jwa leano la bogosi re sale re tlhophiwa go nna ba One go tswa tshimologong, mme dilo tsotlhe di diragala fela jaaka o sale o ikaeletse bogologolo.


Leano la one le le sa fetogeng e ntse ka malatsi otlhe e le go re dira ba lelwapa la One ka go roma Jesu Keresete go tla go re swela. Mme o ne o dira jaana ka gore o ne o batla go dira jalo!


Modimo o re boleletse lebaka la sephiri sa One sa go romela Keresete, leano la kutlwelobotlhoko le o sa bolong go le akanya;


Ka ntlha ya bopelonomi jwa one lo bolokilwe ka go ikanya Keresete. Mme le e leng go ikanya ga se ga lona ka bo lona; le gone ke mpho e e tswang kwa Modimong.


Mme jalo re tsweletse ka go lo rapelela gore Modimo wa rona o lo dire mofuta wa bana ba o batlang go nna nabo, o lo dire tshiamo fela ka fa lo eletsang go nna ka teng, o duela tumelo ya lona ka nonofo ya One.


Ke ene yo o re bolokileng le yo o re tlhophetseng tiro ya gagwe e e boitshepo, e seng ka ntlha ya gore e re tshwanetse mme e le ka ntlha ya gore e ne e le leano la One la bogologolo pele ga lefatshe le simologa, go supa lorato lwa One mo go rona le bopelotlhomogi ka Jesu Keresete.


A tlotlo yotlhe e nne mo Modimong, Modimo Rara wa Morena wa rona Jesu Keresete: gonne ke kutlwelo-botlhoko ya gagwe ya kgololesego e e re neileng tshwanelo e e faphegileng ya go tsalwa sesha; gore jaanong re bo re le maloko mo lwapeng lwa Modimo. Jaanong re tshela mo tsholofelong ya botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya gore Keresete o tsogile gape mo baswing.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan