Bafilipi 2:12 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha12 Ditsala tse di rategang, erile fa ke na le lona koo, le ne lo tlhokomela ka nako tsotlhe go latela ditaolo tsa me. Mme jaanong ka ke seyo lo tshwanetse go tlhokomela thata go dira dilo tse di siameng tse di felelelang mo polokong, lo ikobela Modimo ka tshisimogo e kgolo, lo ikgape mo go tsotlhe tse di ka tlhokang go o itumedisa. Faic an caibideilSetswana 197012 Jaanong, baratwi ba ka, ba lo ntseng lo utlwa ka metlha, e seng fela fa ke le teng, mme bogolo bogolo jaanong ke se yo, ipatleleng phologo ya lona ka poifo le thoromo; Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)12 Ki gona yalo, baratoi ba me, yaka lo loa utlua ka gale, esiñ kua ki gona gosi, mi bogolu yana mo bosieoñ yoa me, itiheleñ puluko ea lona ka poiho le thoromo. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo12 Jalo, barutwa ba me, fela jaaka lo ntse lo utlwa gale, e seng kwa ke leng gone go le gosi, mme bogolo thata gompieno ke seyo, lo itireleng poloko ka losi, ka poifo le ka thoromo; Faic an caibideil |
Mme le fa e le eng se se ka ntiragalelang, gakologelwang ka nako tsotlhe go tshela jaaka Bakeresete ba tshwanetse go tshela, gore, fa ke ka lo bona gape kgotsa ke se kake ka lo bona, ke tlaa nna ke utlwa dipego tse di siameng gore lo eme ka maikaelelo a le mangwe fela a a nonofileng, go bolela Mafoko a a Molemo,
Mme ka re na le batho ba ba ntseng jalo ba le bantsi ba tumelo ba ba re lebeletseng ba le kwa ditilong tse di kwa godimo, a re apoleng sengwe le sengwe se se diang kgotsa se se re busetsang kwa morago, mme bogolo thata jang dibe tse di tshophelelang thata mo maotong a rona di bo di re digela fa fatshe; mme a re sianeng ka bopelotelele lobelo lo Modimo o lo beileng fa pele ga rona.