Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:10 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

10 gore ka leina la ga Jesu mangole otlhe a tlaa khubama mo legodimong le mo lefatshing le ka fa tlase ga lefatshe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

10 gore mangole otlhe a khubamele leina la ga Jesu a dilo tse di kwa legodimong le a tse di mo lefatsheng le a tse di kwa tlase ga lefatshe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Gore mañole aotle a khubamele leina ya ga Yesu, ga lilo tse ri mo legorimoñ, le tse ri mo lehatsiñ, le tse ri kua tlatse ga lehatse;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 gore mangole otlhe a khubame ka leina la ga Jesu, e bong a dilo tse di kwa legodimong, le a dilo tse di mo lefatsheng, le a dilo tse di kwa tlase ga lefatshe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:10
17 Iomraidhean Croise  

mme ba mo logela serwalo ka mitlwa e meleele ba se mo rwesa, ba mo naya thobane mo lebogong le legolo e e emetseng thobane ya Segosi mme ba khubama fa pele ga gagwe ka tshotlo ba goa ba re, “Dumela Kgosi ya Bajuda.”


A raya barutwa ba gagwe a re, “Ke neilwe taolo yotlhe kwa Legodimong le mo lefatshing.


A mme lo gakologelwa ka fa Modimo o neng wa mo fetola ka teng? Modimo o ne wa re, “Nnyaa, ga se wena o le nosi yo o setseng. Ke na le ba bangwe ba le dikete tse di supang kwa ntle ga gago, ba ba santseng ba nthata le gone ga ba ise ba ke ba obamele medimo ya disetwa.”


mme maikaelelo a One e ne e le a: gore e re fa lobaka lo setse lo siame o re phuthe rotlhe gongwe le gongwe kwa re leng teng, mo legodimong kgotsa mo lefatsheng, go nna le one mo go Keresete, ka bosakhutleng.


Fa ke akanya kaga botlhale le megopolo ya leano la one ke khubama ka mangole ke rapela Rara wa ba ntlo e kgolo yotlhe ya Modimo, bangwe ba bone ba setse ba le kwa legodimong mme ba bangwe ba fano mo lefatsheng,


Lemogang gore gatwe o ne a boela kwa legodimong. Mo go raya gore o simologile a tswa kwa legodimong, a fologela mo mafelong a a kwa tlase-tlase a lefatshe.


Mme mawatle a ntsha baswi ba ba mo go one; mme lefatshe le bobipo tsa ntsha baswi ba ba neng ba le mo go tsone. Mongwe le mongwe a atlholwa ka fa ditirong tsa gagwe.


bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba wela fa pele ga gagwe ba mo obamela, yo o tshelang ka bosakhutleng, mme ba latlhela dirwalo tsa bone fa pele ga setilo sa bogosi ba opela ba re,


Mme go ne go se ope mo legodimong lotlhe, kgotsa mo lefatsheng kgotsa mo baswing yo o neng a letleletswe go lo bula le go lo bala.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan