Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:8 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Ke Modimo fela o o itseng boteng jwa lorato lwa me le go lo tlhwaafalela, ka lorato lwa ga Jesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 Modimo ke mosupi wa me gore ke lo tlhologeletswe lotlhe ka mautlwelo-botlhoko a ga Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Gone Morimo ki moshupi oa me oa tlologelelo e kholu e ki lo tlologelecoeñ lotle ka eona, ka boutluelo‐botluku yo bogolu yoa ga Yesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Gonne Modimo ke mosupi wa me, wa ka fa ke lo tlhologeletsweng lotlhe ka teng mo mautlwelong botlhoko a manana a ga Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:8
24 Iomraidhean Croise  

Gotlhe mo go tlaa nna ka ntlha ya gore boutlwelo-botlhoko jwa Modimo wa rona bo bonolo thata, e bile bosa jwa legodimo bo tlaa re sela.


Modimo o itse gore ke lo rapelela gangwe le gape jang. Bosigo le motshegare ke lo baya le tse lo di tlhokang ka thapelo mo go yo ke mo direlang ka thata yotlhe, ke bolelela ba bangwe Mafoko a a molemo kaga Morwaa one.


Ao Iseraele, batho ba me! Ao, bakaulengwe ba me ba Sejuta! Ke eletsa thata jang gore lo tle mo go Keresete. Pelo ya me e tshwenyegile ebile ke hutsahala mo go botlhoko thata bosigo le motshegare ka ntlha ya lona. Keresete o a itse le Mowa O O Boitshepo o itse gore ga ke ake fa ke re ke eletsa go atlholelwa loso lwa bosakhutleng fa e le gore go ka lo boloka.


Re itumelela go nna bokoa le go nyadiwa fa tota lo nonofile. Keletso ya rona e kgolo le thapelo ke gore lo nne Bakeresete ba ba nonofileng.


Botsididi jo bo sa leng teng mo gare ga rona ga se ka ntlha ya tlhaelo epe ya lorato ka fa ntlheng ya me, mme ka gore lorato lwa lona lo lo nnye thata jalo ga lo nkame go ntsenya mo teng.


O lo rata thata bogolo go gaisa fa a gakologelwa ka fa lo neng lo mo reeditse ka teng ka lorato, ebile lo mo amogetse ka tlhwaafalo le ka lorato lo lo hakgamatsang.


(Reetsang se ke se buang, gonne ke lo bolelela boammaaruri jo fa pele ga Modimo tota. Se ke se se neng sa diragala tota ga ke lo aketse).


Gonne jaanong rotlhe re bana ba Modimo ka tumelo mo go Jesu Keresete,


Ao, bana ba me, kana lo nkutlwisa-botlhoko thata jang! Ke sa ntse ke lo bogela gape ke le mo ditlha-bing tse di tshwanang le tsa mmangwana a letile ngwana wa gagwe go tsholwa, ke tlhologeletswe lobaka lo mo go lone e tlaa reng lwa bofelo lo bo lo tladitswe ka Keresete.


A go na le sengwe se se tshwanang jaaka Bakeresete ba itumelelana? A lo nthata thata go batla go nthusa? A go raya sengwe mo go lona gore re bakaulengwe mo Moreneng, re tlhakanetse mowa o le mongwe fela? A tota dipelo tsa lona di bonolo le bopelotlhomogi?


Jaanong ke mmusetsa gae gape, gonne o ntse a lo tlhwaafaletse lotlhe ebile a hutsahetse thata ka ntlha ya gore lo utlwile fa a lwala.


Bakaulengwe ba me ba ba rategang, ke a lorata ebile ke tlhwaafaletse go lo bona, gonne lo boitumelo jwa me le tuelo ya ditiro tsa me. Ditsala tse di rategang, nnang boammaruri mo Moreneng.


Ke eletsa fa lo ne lo ka itse ka fa ke lo kgaratlhetseng ka teng mo thapelong ke rapelela lona le phuthego e e kwa Laodikea, ebile ke rapelela le ditsala tsa me tse dingwe tse dintsi tse di iseng di ke di nkitse sefatlhogo.


E re ka lo tlhophilwe ke Modimo o o lo neileng mofuta o wa botshelo jo bosha, gape le ka ntlha ya lorato lwa one lo logolo le ka go lo tlhobaelela, lo dire kutlwelo-botlhoko le lorato le bopelonomi mo go ba bangwe. Se tshwenyegeng kaga go dira mogopolo o o siameng mo go bone mme nnang lo ipaakanyeditse go boga ka tidimalo le ka bopelotelele.


Le fa e le gangwe fela ga re ise re ke re leke go lo gapa ka mafoko a a borethe, jaaka lo itse sentle, le Modimo o itse gore re ne re sa itire ditsala tsa lona gore lo tle lo re neye madi!


Re ne ra lo rata thata thata, mo e leng gore ga re a ka ra lo naya molaetsa wa Modimo fela, mme re lo neile le one matshelo a rona tota.


Ke tlhwaafaletse thata go go bona gape. Kana ke ka itumela thatajang, gonne ke gakologelwa selelo sa gago fa re kgaogana.


Ke mo romela gape kwa go wena, mme o tla ka pelo ya me yotlhe.


Ee, mokaulengwe yo o rategang, intumedise ka yone tiro e e rategang e, mme pelo ya me e e lapileng e tlaa galaletsa Morena.


Mme fa mongwe yo o tshwanetseng go bo e le Mokeresete tota a na le madi a a lekanyeng gore a mo tshedise sentle, go bo go diragala gore a bone mogagabo yo o tlhokang, mme a bo a sa mo thuse, lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan