Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:6 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6 Mme ke tlhomamisa gore Modimo o o simolotseng tiro e e molemo mo go lona o tlaa lo thusa go gola mo tshegofatsong ya one go fitlhelela tiro e kgolo mo go lona e fela ka letsatsi la fa Jesu Keresete a boa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

6 Ke ikanya gore yo o simolotseng tiro e e molemo mo go lona o tla e tsweletsa go ya a e fetsa ka letsatsi la ga Keresete Jesu,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Ka go ikanya seo se, ha eo o simolotseñ tiho e e molemo mo go lona, a tla e ueletsa mo motleñ oa ga Yesu Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Ke ntse ke ikantse mo, gore yo o simolotseng tiro e e molemo mo go lona, o tlaa e sweletsa go ya kwa motlheng wa ga Jesu Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:6
33 Iomraidhean Croise  

Jesu a ba raya a re, “Go rata ga Modimo ke gore lo dumele mo go yo o mo romileng.”


Mme erile fa ba bangwe ba utlwa kaga se, dikganetso tsa bone tsotlhe di ne tsa arabiwa mme ba simolola go galaletsa Modimo; ba ne ba re, “Ee, Modimo o neetse le Badichaba tshwanelo ya gore ba sokologele kwa go one le gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng!”


Mongwe wa bone e ne e le Lidia, mosadi wa morekisi go tswa kwa Thiatira, mmapatsi wa letsela le le bohibidu jo bo mokgona. E ne e ntse e le morapedi wa Modimo gale, mme ya re a re reeditse, Morena a bula pelo ya gagwe mme a amogela gotlhe mo Paulo o neng a go bua.


O tlaa lo tlhomamisa go ya bokhutlong gore lo tlhokisiwe boleo le molato ka letsatsi le o tlaa bowang ka lone.


E ne e le ka ntlha ya go re ke ne ke rulagantse go tsena ka lona mo loetong lwa me go ya Masedonia, le morago jaaka fa ke tlaa bo ke bowa, gore ke ne ke ka nna tshegofatso e e menaganeng mo go lona le gore lo ka nthomela kwa Judea.


Ke gone ka moo ke kwadileng jaaka ke ne ka kwala mo lokwalong lwa bofelo, gore lo tle lo tlhamalatse dilo pele ga ke tla. Mme fa ke tla, ga ke na go utlwisiwa botlhoko ke ba ba tshwanetseng go intumedisa thata. Ke ne ka tlhomamisa gore boitumelo jwa lona ke selo se le sengwe fela le jwa me gore ga lo kitla lo itumela fa e se ke tla ka boitumelo.


Mo go intumedisa jang, ka ntlha ya gore jaanong ke tlhomamisa gore rotlhe go siame mo go rona, gape ke ka nna le boikanyo mo go lona.


Ke ka tlhajwa ke ditlhong thata, mmogo le lona fa bangwe ba Masedonia ba tla le nna, mme ba fitlhela gore ga lo ise lo bo lo ipaakanye ke sena go lo bolelela!


Ke ikanya Morena go lo busetsa mo go dumeleng jaaka ke dumela kaga dilo tse. Modimo o tlaa atlhola mosiamolodi yoo, le fa e ka ne e le mang, yo o ntseng a lo tshwenya ebile a lo tlhakatlhakanya ditlhogo.


Ke eng fa a re naya dineo tsa botlhokwa go dira dilo dingwe botoka? Ke ka ntlha ya gore batho ba Modimo ba tlaa nonotshiwa go mo direla tiro ka botswerere, ba aga phuthego, ebong mmele wa ga Keresete, go nna mo maemong a nonofo le tlhaloganyo e e tletseng,


Gonne ke batla gore ka nako tsotlhe lo bone sentle pharologanyo fa gare ga molemo le bosula, le gore lo bo lo nne phepa ka fa teng, go se ope yo o ka lo nyatsang go tloga jaanong go fitlhelela Morena wa rona a tla.


Gonne lona lo neilwe tshwanelo e seng ya go mo ikanya fela mme e leng go mmogela.


Ditsala tse di rategang, erile fa ke na le lona koo, le ne lo tlhokomela ka nako tsotlhe go latela ditaolo tsa me. Mme jaanong ka ke seyo lo tshwanetse go tlhokomela thata go dira dilo tse di siameng tse di felelelang mo polokong, lo ikobela Modimo ka tshisimogo e kgolo, lo ikgape mo go tsotlhe tse di ka tlhokang go o itumedisa.


Gonne Modimo o a dira mo go lona, o lo thusa gore lo rate go o ikobela, ebile o lo thusa go dira se o se ratang.


lo ba tsholetse Lefoko la Botshelo. Mme fa Keresete a boa, ke tlaa itumela jang gore tiro ya me mo go lona e ne e atlegile thata.


Gonne mo kolobetsong lo bona ka fa tlholego ya lona e kgologolo e e bosula e suleng nae ka teng le ka fa e neng ya fitlhwa nae ka teng; mme jalo lo ne lwa tsoga mo losong nae lwa tsogela mo botshelong jo bosha gonne lo ne lo ikanya Lefoko la Modimo o mogolo o o tsositseng Keresete mo baswing.


Ga re ke re lebala ditiro tsa lona tsa lorato fa re ntse re bua le Modimo wa rona le Rara kaga lona, le kaga tumelo ya lona e e nonofileng le ka go lebelela ka tshisibalo go bonala ga Morena wa rona Jesu Keresete.


Mme jalo re tsweletse ka go lo rapelela gore Modimo wa rona o lo dire mofuta wa bana ba o batlang go nna nabo, o lo dire tshiamo fela ka fa lo eletsang go nna ka teng, o duela tumelo ya lona ka nonofo ya One.


Mme re ikanya Morena ka gore lo ntse lo dira dilo tse re di lo rutileng, le gore lo tlaa aga lo di dira.


Ke go kwaletse lokwalo lo gonne ke tlhomamisa gore o tlaa dira se ke se kopang, ebile o tlaa se dira go gaisa jaaka ke se batla!


Se letleng gore go ikanya Morena ka boitumelo mo, go swe, ga go re sepe gore go diragalang. Gakologelwang tuelo ya lona!


Tlhomang matlho a lona mo go Jesu, moeteledipele le moruti wa rona. O ne a ineela go swa loso lo lo tlhabisang ditlhong mo mokgorong ka ntlha ya boitumelo jo a neng a itse fa bo mo letetse kwa morago; mme jaanong o nna mo lefelong la tlotlo gaufi le setilo sa bogosi sa Modimo.


Fa lo sena go boga ka lobakanyana, Modimo wa rona yo o tletseng bopelo-tlhomogi ka Keresete, o tlaa lo naya kgalalelo ya One e e sa khutleng. One ka boone o tlaa lo tsholetsa, mme o lo tlise, o lo thatafatse go gaisa ka metlha.


Ruri letsatsi la Morena le e tla, le tla jaaka legodu, mme magodimo a tlaa feta ka modumo o mogolo le mebele ya selegodimo e tlaa nyelela mo molelong, mme lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone se tlaa tshujwa ka molelo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan