Bafilipi 1:5 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha5 Ka ntlha ya thuso ya lona e ntle mo go itsiseng Mafoko a a Molemo kaga Keresete go tloga nako e lo neng lo a utlwa ka yone go fitlha gompieno. Faic an caibideilSetswana 19705 ka ntlha ya gore lo abetswe Efangele go tloga ka letsatsi la ntlha go fitlha gompieno. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)5 Ka kabalano ea lona mo evangelioñ, mo tsatsiñ ya ntla le mo nakoñ enu; Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo5 ka ntlha ya bolekane jwa lona mo go tsamaiseng Mafoko a a Molemo, e sa le ka letsatsi la ntlha le go tla motlheng wa gompieno. Faic an caibideil |
Mme dingwe tsa dikala tse, tse di tswang mo setlhareng sa ga Aberahame, dingwe tsa Bajuta, di kgaotswe. Mme lona Badichaba ba lo foo lo le dikala, a re re kgotsa, lo ditlhare tse di neng di kgaotswe mo motlhwareng wa naga, lwa lomelelwa mo go one. Jaanong le lona, lo amogela lesego le Modimo o le solofeditseng Aberahame le bana ba gagwe, lo tlhakanela go ja dikotla tsa Modimo.
Mme bosaitsiweng ke jo: gore Badichaba ba tlaa nna le seabe se se lekanang le sa Bajuta mo dikhumong tsotlhe tse di ruilweng ke barwa-Modimo; botlhe ba lalediwa go nna ba phuthego ya one, mme gotlhe ga ditsholofetso tsa Modimo tsa matlhogonolo a magolo ka Keresete ke ga bone botlhe fa ba amogela Mafoko a a Molemo kaga Keresete le se a se ba diretseng.
Mme le fa e le eng se se ka ntiragalelang, gakologelwang ka nako tsotlhe go tshela jaaka Bakeresete ba tshwanetse go tshela, gore, fa ke ka lo bona gape kgotsa ke se kake ka lo bona, ke tlaa nna ke utlwa dipego tse di siameng gore lo eme ka maikaelelo a le mangwe fela a a nonofileng, go bolela Mafoko a a Molemo,
Ditsala tse di rategang, erile fa ke na le lona koo, le ne lo tlhokomela ka nako tsotlhe go latela ditaolo tsa me. Mme jaanong ka ke seyo lo tshwanetse go tlhokomela thata go dira dilo tse di siameng tse di felelelang mo polokong, lo ikobela Modimo ka tshisimogo e kgolo, lo ikgape mo go tsotlhe tse di ka tlhokang go o itumedisa.
Lokwalo lo lo tswang kwa go: Simone Petere, motlhanka le morongwa wa ga Jesu Keresete. Lo ya kwa go: botlhe ba ba nang le tumelo e e tshwanang le ya rona. Tumelo e ke buang ka yone ke ya mofuta o Jesu Keresete Modimo le Mmoloki wa rona o e re nayang. E ntle jang e bile o tshiamo jang go naya mongwe le mongwe wa rona tumelo e, e e tshwanang.