Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:30 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

30 Re mo ntweng e mmogo. Lo mponye ke mmogela mo lobakeng lo lo fetileng; mme le gompieno ke santse ke le fa gare ga ntwa e kgolo e e boitshegang, jaaka lo itse sentle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

30 ka lo le mo go yona tlhabano e lo e bonyeng mo go nna, e le jaanong lo e utlwang ka ga me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

30 Ka lo na le khanelo e, lo e bonyeñ mo go ’na, e yana lo e utluañ mo go ’na.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

30 ka lo le mo go yone ntwa e lo mponyeng ke le mo go yone, e gompieno lo bileng lo utlwa fa ke le mo go yone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:30
21 Iomraidhean Croise  

Ke lo boleletse mo gotlhe gore lo tle lo nne le kagiso mo mogopolong le mo pelong. Lo tlaa nna le meleko e mentsi le dikutlobotlhoko fano mo lefatsheng; mme lo itumele thata, gonne ke fentse lefatshe.”


Gonne mongwe le mongwe kwano, le kwa masole otlhe a nnang teng ba itse gore ke mo dikgoleng fela ka ntlha ya gore ke Mokeresete.


Ke yone tiro ya me e, mme ke ka e dira fela ka ntlha ya gore nonofo e kgolo ya ga Keresete e dira mo go nna.


Ke eletsa fa lo ne lo ka itse ka fa ke lo kgaratlhetseng ka teng mo thapelong ke rapelela lona le phuthego e e kwa Laodikea, ebile ke rapelela le ditsala tsa me tse dingwe tse dintsi tse di iseng di ke di nkitse sefatlhogo.


Lo itse gore re ne ra sotlwa jang kwa Filipi pele ga re tla kwa go lona, le gore re bogile go le kae teng. Le fa go ntse jalo Modimo o ne wa re naya kgothatso go boelela molaetsa o mo go lona ka bopelokgale, le fa re ne re dikaganyeditswe ke baba.


Tlhabanela Modimo thata. Tshwara thata botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo o bo go neileng, jo o bo ipoleletseng ka boipolelo jo bogolo mo ponong ya basupi ba le bantsi.


Ga ke bolo go tlhabanela Morena thata ka lobaka lo loleele, mme mo go tsone tsotlhe ke ntse ke le boammaaruri mo go ene. Mme jaanong lobaka lo fitlhile lwa gore ke khutlise ntwa ke itapolose.


Mme ka re na le batho ba ba ntseng jalo ba le bantsi ba tumelo ba ba re lebeletseng ba le kwa ditilong tse di kwa godimo, a re apoleng sengwe le sengwe se se diang kgotsa se se re busetsang kwa morago, mme bogolo thata jang dibe tse di tshophelelang thata mo maotong a rona di bo di re digela fa fatshe; mme a re sianeng ka bopelotelele lobelo lo Modimo o lo beileng fa pele ga rona.


Mme le gone, ga lo ise lo ke lo kgaratlhisanye le sebe le thaelo go fitlhelela lo fufula marothodi a madi.


Ba mo fentse ka madi a Kwana, le ka bosupi jwa bone; gonne ga ba a ka ba rata matshelo a bone mme ba a itatola ka ntlha ya gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan