Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:29 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

29 Gonne lona lo neilwe tshwanelo e seng ya go mo ikanya fela mme e leng go mmogela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

29 Gonne lona lo abetswe go bogisiwa ka ntlha ya ga Keresete, e seng go dumela fela mo go ene,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

29 Gone lo necoe tsegohaco ka ntla ea ga Keresete, esiñ go rumela mo go ena gosi, mi le gona go mogiserioa;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

29 Gonne lona lo neilwe ka ga Keresete, e seng go dumela mo go ene go le gosi, mme le gone go utlwisiwa botlhoko ka ntlha ya gagwe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:29
14 Iomraidhean Croise  

Jesu a mo raya a re, “Modimo o go segofaditse, Simone, morwa Jona. Gonne Rara yo o kwa legodimong ke ene yo o go senoletseng dilo tse ka boene, ga go a tswa mo go ope.


Mme mongwe le mongwe yo o mo ikanyang o golotswe mo melatong yotlhe le gone o siame, sengwe se molao wa Sejuta o neng o sa kake wa se dira.


kwa ba neng ba thusa badumedi go tia mo loratong lwa Modimo le gore ba ratane. Ba ne ba ba kgothatsa go tsena mo Bogosing jwa Modimo ka dipogisego tse dintsi.


Erile fa ba goroga ba bitsa badumedi mme ba bolela loeto lwa bone, ba bolela ka fa Modimo o buletseng le Badichaba tumelo ka teng.


Ba tloga fa lekgotleng ba itumeletse gore Modimo o ba supile ba nonofile go tlontlologela leina la one.


Le rona re ka itumela, fa re tsena mo matha-teng le mo melekong gonne re itse gore mathata a re siametse, a re thusa go ithuta go nna pelotelele.


Ka ntlha ya bopelonomi jwa one lo bolokilwe ka go ikanya Keresete. Mme le e leng go ikanya ga se ga lona ka bo lona; le gone ke mpho e e tswang kwa Modimong.


Gonne mo kolobetsong lo bona ka fa tlholego ya lona e kgologolo e e bosula e suleng nae ka teng le ka fa e neng ya fitlhwa nae ka teng; mme jalo lo ne lwa tsoga mo losong nae lwa tsogela mo botshelong jo bosha gonne lo ne lo ikanya Lefoko la Modimo o mogolo o o tsositseng Keresete mo baswing.


Lo ya kwa: Bajuteng ba ba rategang, Bakaulengwe a botshelo jwa lona bo mo mathateng le dithaelong? Ke gone he itumeleng,


Mo boemong jwa mo, itumeleng, gonne diteko tse di tlaa lo dira bapati ba ga Keresete mo pogisong ya gagwe, mme morago lo tlaa nna le boipelo jo bo hakgamatsang jwa go tlhakanela kgalalelo ya gagwe mo letsatsing le le tlang fa le bonadiwa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan