Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:28 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

28 lo sa boife sepe, go sa re sepe gore baba ba lona ba ka dirang. Ba tlaa bona se e leng sesupo sa gore ba fentswe, mme mo go lona e tlaa nna sesupo se se bonalang sentle se se tswang kwa Modimong gore o na le lona, le gore o lo neile botshelo jo bo sa khutleng ka ene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

28 lo sa tshosiwe ke baganetsi mo go sepe ba kganetso ya bone e leng sesupo sa go latlhega ga bone, mme mo go lona e le sa go phologa, mme e le ka Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

28 Le gona gore lo si boihisioe mo go sepe ki baganetsi ba lona; mo e leñ cupo rure ea tsenyego go bona, mi go lona ea puluko, e e leñ ea Morimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

28 lo sa boifisiwe mo go sepe ke baganetsi; mo e leng sesupo se se bonalang sa tatlhego mo go bone, mme mo go lona sa poloko, e e bileng e le e e tswang mo Modimong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:28
24 Iomraidhean Croise  

“Se boifeng ba ba ka bolayang mebele ya lona fela; mme ba ka seka ba ama mewa ya lona! Boifang Modimo fela o o nonofileng go ka nyeletsa mowa le mmele mo moleting.


Hong Jesu a raya monna a re a tle go ema fa pele ga phuthego.


Ke gone batho botlhe ba tlaa bonang Mmoloki yo o tswang legodimong.”


“Mme fa a sena go tla, o tlaa senolela lefatshe boleo jwa lone, le gore tshiamo ya Modimo e teng, le kgololo mo katlholong.


Mme jalo ke batla gore lo lemoge gore poloko e, e e tswang kwa Modimong le Badichaba ke ya bone, ebile bone ba tla e amogela.”


Mme ka re le bana ba one, re tlaa rua mahumo a one, gonne gotlhe mo Modimo o go neelang Morwaa one le rona jaanong ke ga rona. Mme fa e le gore re tshwanetse go nna le seabe mo kgalalelong ya gagwe le rona re tshwanetse go nna le seabe mo go bogisiweng ga gagwe.


Lo itse gore re ne ra sotlwa jang kwa Filipi pele ga re tla kwa go lona, le gore re bogile go le kae teng. Le fa go ntse jalo Modimo o ne wa re naya kgothatso go boelela molaetsa o mo go lona ka bopelokgale, le fa re ne re dikaganyeditswe ke baba.


Ke gone ka moo re ka buang kwa ntle ga pelaelo kgotsa poifo re re, “Morena ke mothusi wa me mme ga ke boife sepe se motho fela o ka se ntirang.”


Lesa go boifa se o tlaa tlogang o se bogela, gonne Satane o tlaa akofa a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong go lo leka. O tlaa lo bogisa selekanyo sa ‘malatsi a le lesome’ Ikanyege le fa o lebaganye le loso, mme ke tlaa go naya serwalo sa botshelo, bokamoso jo bo galalelang jo bo sa khutleng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan