Bafilipi 1:27 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha27 Mme le fa e le eng se se ka ntiragalelang, gakologelwang ka nako tsotlhe go tshela jaaka Bakeresete ba tshwanetse go tshela, gore, fa ke ka lo bona gape kgotsa ke se kake ka lo bona, ke tlaa nna ke utlwa dipego tse di siameng gore lo eme ka maikaelelo a le mangwe fela a a nonofileng, go bolela Mafoko a a Molemo, Faic an caibideilSetswana 197027 Fela tshelang mo phuthegong jaaka go tshwanetse Efangele ya ga Keresete gore le fa nka tla ka lo bona gongwe ke se yo, ke utlwe ka ga lona gore lo eme ka tlhomamo mo moweng o le mongwe fela, lo tlhabanela tumelo ya Efangele mmogo ka bongwefela jwa pelo, Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)27 Mi bogolu, tsamaeañ yaka go cuanela evangelio ea ga Keresete, gore ere ha ’nka ea go lo bona, khotsa ha ki sa ee, ki utlue kaha lontseñ ka gona, gore lo eme mo moeeñ o moñue hela ka tlaloganyo ñue hela, go ganelela mogo tumelo ea evangelio; Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo27 Fela, a mokgwa wa lona wa botshelo e nne o o tshwanetseng Mafoko a a Molemo a ga Keresete, gore, e tle e re le fa ke ka tla go lo bona, kgotsa ke se yo, ke be ke utlwele go tshela ga lona, fa lo eme ka tlhomamo mo moweng o le mongwe fela, lo ntse lo ganelela tumelo ya Mafoko a a Molemo ka mowa o le mongwe fela; Faic an caibideil |
Mme jaanong, ka Keresete, tshiamo yotlhe ya Modimo e goromeleditswe mo go rona baleofi ba e neng e sa re tshwanela; mme jaanong o re roma mo tikologong ya lefatshe go bolelela batho botlhe gongwe le gongwe kaga dilo tse dikgolo tse Mo-dimo o di ba diretseng, gore le bone ba tle ba dumele ba o obamele.
Mme bakaulengwe ba ba tlotlegang, ke a lo kopa mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete go khutlisa dikganetsano mo gareng ga lona. A go nne le kutlwano e e siameng gore go se ka ga nna le dikgaogano mo phuthegong. Ke a lo kopa gore lo nne mogopolo mongwe fela, lo kopane mo kgopolong le mo boikaelelong.
Ditsala tse di rategang, erile fa ke na le lona koo, le ne lo tlhokomela ka nako tsotlhe go latela ditaolo tsa me. Mme jaanong ka ke seyo lo tshwanetse go tlhokomela thata go dira dilo tse di siameng tse di felelelang mo polokong, lo ikobela Modimo ka tshisimogo e kgolo, lo ikgape mo go tsotlhe tse di ka tlhokang go o itumedisa.
Mmang ke oketse ka se, bakaulengwe ba ba rategang: Lo setse lo itse go itumedisa Modimo mo botshelong jwa lona jwa malatsi otlhe, gonne lo itse melao e re e lo neetseng e tswa kwa go Morena Jesu ka sebele. Jaanong re a lo kopa, ee, re batla se mo go lona ka leina la Morena Jesu, gore lo tshele lo le gautshwane le one mogopolo oo.
Ngaparela tumelo ya gago thata mo go Keresete mme ka nako tsotlhe a segakolodi sa gago se nne se le phepa, o dira se o itseng gore se siame. Gonne batho ba bangwe ba tlhokile kutlo mo digakoloding tsa bone, mme ba dira ka bomo tse ba itsileng gore ga di a siama. Ga go hakgamatse gore erile ka bofefo ba latlhegelwa ke tumelo ya bone mo go Keresete ba sena go nyatsa Modimo jalo.
Ditsala tse di rategang, ke ne ke ikaeletse go lo kwalela ka megopolo mengwe mabapi le poloko e Modimo o e re neileng, mme jaanong ke bona gore mo boemong jwa moo ke tshwanetse go lo kwalela ka sengwe se sele, ke lopa gore lo femele ka tlhoafalo boammaaruri jo Modimo o bo neileng batho ba One gangwe fela mo dingwageng tsotlhe ba sa fetoge.